Breaking News

Tshenyetso setshaba e ama maduo

06 Jun 2024

Modulasetilo wa khansele ya Hukuntsi, Rre Moratwa Lekolori o tshwenyegi.le ka tshenyetso setshaba e e atileng mo khanseleng eo, a re e ama maduo.

A re tshenyetso setshaba e ntsi kwa khanseleng eo e e sa tswang go tlhatlosiwa maemo mo e latlhegelwang ke madimadi a a kabong a dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo tse di neng di ka solegela morafe molemo.

O ne a bua jaana a bula semmuso phuthego ya bogogi jwa khansele ya Hukuntsi kwa Maun bosheng. 

Thito-kgang ya phuthego e o e ne e le; Transformation is Key to Productivity, (phetogo ke konokono ya go ntsha maduo). 

E ne e bileditswe bogogi go sekaseka mosepele wa bone, go tswa ka megopolo ya go tokafatsa tiro le go tlhama mananeo a a tlaa tswerefatsang khansele e ntsha e. 

Le fa go ntse jalo, Rre Lekolori, yo e bileng e le mokhanselara wa Lehututu/Maake a re go a swabisa go bo badiri bangwe ba inaakantse le bosinyi, a tlhalosa fa tshenyo e ama maduo ka lebaka la gore ditirelo di akolwa fela ke palo e e tsenang mo seatleng, bogolo jang bo go ajweng ga dithendara.

Rre Lekolori a re khansele e palelwa ke go direla setshaba ka botlalo ka ntata ya tshenyetso setshaba mme a kopa bogogi go tlatlamelela mathata ao go hema tatlhegelo ya madi. 

A re botsamaisi bo tshwanetse go bonwa bo dira bo le seopo sengwe go lwantsha bothata jo.

O tlhalositse botlhokwa jwa go tlotlomatsa boikarabelo le go direla dilo mo pontsheng gore go tle go kgonwe go lwantsha tshenyo.

Rre Lekolori o bile a re boeteledipele bo tshwanetse go di goga kwa pele mo go rotloetseng go fetola maikutlo go tokafatsa maduo.

A re tiro ya khansele ke go tokafatsa botshelo jwa batho selegae ka go ba fa ditirelo tsa boipelego tse di lekaneng le mananeo a go nonotsha itsholelo le go baakanyetsa ditlhabololo tsa sennelaruri. 

Modulasetilo o ne a tlhagisa badiri gore ba itise mo tshenyong a ba a bolela fa ba tshwanetse go e thibela, ka jalo ba nne sekao gore setshaba se ba tshephe.

Rre Lekolori o bile a kopa gore ditsompelo di dirisiwe ka tshomarelo ka go baya kwa pele ditiro tse di tlaa akolwang ke morafe.

E ne e rile go le pele, motshwarelela modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Kebonyemodisa Ramolapo a kgothatsa khansele ya Hukuntsi go nna sekao mo dikhanseleng tse dingwe ka e bile e le ntsha go tlhongwa. 

A re dikhansele dingwe ga di a nitama mo go ntsheng maduo ka ntata ya ditsamaiso tse di sokameng le go itomologanya le tse di leng teng.

O ne a kgothatsa badiri go batla methale e mesha ya go dira dilo le go itsenya matlhagatlhaga. 

A re phuthego e ba e tshwereng e ka ba thusa go aga ditlhopha tsa motia tse di tlaa thusang go tokafatsa itsholelo ya magae ka go diragatsa lenaneo la tlholo- ntsha le go tla ka meakanya ya go ntsha mowa wa boitlhobogo mo morafeng.

Fa a ntsha maikaelelo a phuthego, mokwaledi wa khansele ya Hukuntsi, Rre Mosaoka Katorah, o ne a supa fa khansele eo e na le dikgwetlho di le mmalwa tse di e paledisang go ntsha maduo. 

Khansele ya Hukuntsi e tlhokometse metse le metsana e le lesome le bone ya Kgalagadi Bokone, e palo ya batho ba yone e leng dikete tse di masome mabedi le boraro go ya ka palo ya batho ya 2022.

Rre Katorah a re phuthego eo e bile ya upa tikologo go bona tse di ka ba kgontshang tiro le go ntsha difatlhi gore botlhe ba bee seemo leitlho ba bo ba tlhokomelane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Pulo semmuso ya bogogi jwa khansele

Date : 06 Jun 2024