Breaking News

Lenyalo thankga le a dujwa

05 Jun 2024

E a re mosadi a tla go phaphasela ka mosese o mosweu le monna a tla go galalela ka sutu e e motshetshe, ba bo ba dubile thankga, dilo di gana go lomagana o kare lefatshe lotlhe le eme kgatlhanong le bone.

Morago ga go nna mmogo dingwaga di le tlhano, Mme Shatiso Kgosietsile (27) le Rre Thabang Kgosietsile (31) go tswa kwa kgotleng yoo Thene kwa Serowe ba dumalana go simolola leeto la go nna monna le mosadi ka fa molaong ka 2022. Kante ga ba itse gore pele ga bone go ya go mela thaba e kgolo e ba tshwanetseng go e palama gore ba goroge ka kwa.

Bobedi jo, bo iphitlhela bo kaalaletswe kwa kgaolong ya Bokone Bophirima kwa Maun, yo o leng dikhilomithara di feta masome a matlhano go tswa kwa Palapye kwa ga gabo mosetsana le Serowe kwa goora mosimane.

Mme Kgosietsile o tlhalosa fa go ne go le bokete go nna e re kgwedi le kgwedi ba bo ba emelela kwa Maun ba ya phuthegong le batsadi. “Se se ne se le bokete ka gore e ne e le ka nako e e neng e le gone re inogang mo segajajeng sa COVID-19, mme e bile go ne go sa babalele rona hela, le batsadi ba ne ba kokonelwa,” a tlhalosa.

O supile fa nngwe ya dikgwetlho tsa ntlha go ba kgomogela e ne ya nna ya go leka go lemotsha batsadi fa mekete ya manyalo mo malatsing a gompieno a kgona go direlwa kwa ntle kwa ditshimong tse di kgabisitsweng. A re batsadi ba ne ba le kgatlhanong le kgang ya teng ba supa fa bone ba se kake ba nyadisetsa ngwana kwa sekgweng, a tlatsa ka go re selo se se ne sa ba kgoba marapo.

“Dilo ya nna o kare jaanong le tsone di dumalana le bone, lefelo le re neng re le bone pele beng ba lone ba tlhatlosa ditlhwatlhwa mo re neng ra felela re patelesega go batla le lengwe. Le re neng ra le bona le lone le ne la tla ka dikgwetlho tsa lone,” a tlhalosa.

A re lefelo le le ne le sena metsi e bile le le kgakala le kwa a neng a apesediwa teng mo go neng go raya gore ka letsatsi la lenyalo go ya go berekelwa mo nakong gore ba goroge ka nako, dithulaganyo tsotlhe tsa letsatsi di tle di tsamae jaaka go ne go rulagantswe.

Mme Kgosietsile a re kgwetlho e nngwe e e ratileng go dira gore a itlhoboge ka go keteka lenyalo la ditoro tsa gagwe ke mosese wa lenyalo le dipalamonwana.

 O tlhalositse fa a ne a segile mosese kwa moroking mme wa tlhoka go nna jaaka a ne a eleditse, selo se se neng sa mo pateletsa gore malatsi a mararo pele ga lenyalo a tabogele kwa Gaborone go ya go batla mosese o mongwe. 

A re kwa ba neng ba beeleditse dipalamonwana teng go ne go twe ba diegile mme ba tshwanelwa go ya go reka go sele.

Mme Kgosietsile o buile ka fa tsamaiso ya lenyalo la Setswana e neng e le motlhofo ka teng, a re fa a ne a ka nyalwa gape o ne a ka itlhophela go dira Setswana fela go na le mantlontlo a segompieno. Mme Kgosietsile o gakolotse ba ba tlaa nyalanang mo isagong go itse fa saatane a sa rate lenyalo e bile a ka dira sengwe le sengwe go le padisa.

O gateletse se ka go supa fa dibeke tse pedi pele ga magadi a ne a lwala thata. Fa godimo ga moo, a re dipampiri tsa bone tsa pholoso di ne tsa nyelela mme ba sokola gore ba folose maina kwa ga molaodi. 

A re gape banyalani ba tshwanetse go tsenelela bogakolodi boo-babedi pele ba tsena mo lenyalong gore ba itse se se solofelwang mo go bone.

Fa godimo ga moo, o ba gwetlhile go itse fa dingwao di farolagana e bile go ya go nna le nako e bone e le banyalani ba yang go tlhoka tumalano le batsadi golo gongwe, a re ba dire seo ka botho gore lenyalo le tswelele go se na ope yo o ngalang.

Mme Kgosietsile o kgadile batsadi ba ba santseng e re ba laya ngwetsi ba bo ba rotloetsa mosadi go gatelela maikutlo a gagwe mo tsamaisong ya lelapa, a kaya fa seo se tsala dikgang di tshwana le kgokgontsho ya bomme. 

O lebogetse matsalaagwe go bo e rile a mo laya a mo rotloetsa go ikaega ka Modimo ka e le ene a tlhodileng lenyalo. 

O tsweletse ka go kopa batsadi gore ba sekaseke kgang ya dilwana tse di lopiwang mo go boora mosimane, a supa fa di le dintsi e bile di losa batho.

Mme Kgosietsile a re o leboga Modimo gore le fa mokete wa lenyalo la gagwe o ne o tletse dikgwetlho, o di fentse. O weditse ka go leboga mogolowe yo a neng a eme boemo jwa ga mmaagwe yo o tlhokafetseng ka 2021. 

Fa a tswa la gagwe, Mme Tumisang Kopong (27) yo o nyetsweng Setswana, a re go ne go le bonolo go baakanyetsa modiro ka go ne go se na dipe tse dintsi tse di tlhokang go dirwa. 

A re kgwetlho fela e ne e le ka letsatsi la magadi.

“Batsadi ba ne ba nkgopakgopetsa ba re nako e tshaile fa ke santse ke ipaakanya, le dinepe ga re a nna le nako ya tsone.” 

Mme Kopong o gakolotse ba ba batlang go tsena mo lenyalong gore ba tshegetse sephiri sa teng go fitlhelela sengwe le sengwe se wela go itsa gore ba tsenwe ke phefo, a tlatsa ka go re ba lebe pata ya bone pele gore a e ba letla go dira mokete o o manobonobo kgotsa go ya go baya monwana fela kwa ga molaodi.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Same Nkgowa (70) yo o nyetsweng dingwaga tse di masome mararo le borataro tse di fetileng ka Setswana, a re go na le pharologanyo e ntsi fa gare ga lenyalo la segompieno le la Setswana. 

A re ene nako e a neng a gola go ne go sa dirisiwe madi go duela ditante ka gore banyadi le baetsana ba ne ba nna mo ntlong, ba bonelwa moo.

A re dilo tse dintsi malatsi a di fetogile mme di paledisa dithulaganyo dingwe tse di neng di dirwa bogologolo. “Banyalani malatsi a ba direla manyalo kwa dioteleng, ngwetsi o diega go tla go feela, go gotsa molelo a tlhatleela bomatsalaagwe metsi a a tlhapang le tee,” Mme Nkgowa a bua jalo. O tladitse ka go re malatsi a ga go sa tlhole le go laya go laiwa ka gore go na le ba ba laolang gore go buiwe eng go seka ga buiwa eng.

“Rona bogologolo ngwetsi e ne e laiwa e opelelwa dipina tse di tshwanang le Dikuku di Monate, Lenyalo le Boima, bagolo ba go raya ba re o ratile ngwanyana, mo ngwetsi e salang e putsaputsa dikeledi. Se e se go mo kgoba mme e le go mo tsibosa fa lenyalo le na le dikgwetlho e bile a tshwanelwa ke gore a di itshokele,” a bua jalo.

Mme Nkgowa a re go a tshwenya gompieno go bona dipalo tsa tlhalo di le kwa godimo. 

A re selo se se bakwa ke gore banyalani ga ba a tia go itshokela dikgwetlho ka gore bangwe ba bone ba tsenela mo manyalong dikeletso tsa bone.

Mme Nkgowa o supile matshwenyego ka dilwana tse di lopiwang boora mosimane mo manyalong a gompieno, a supa fa bogologolo go ne go rekelwa malome le mmamonyadiwa fela e bile go sa rekwe sepe se sentsi. Mme Nkgowa a re tsamaiso e e kgona go feletsa e siisitse monna.

Morago ga go sekaseka mefuta ya lenyalo ka bobedi, Mme Baone Sentle (27) a re ene o eletsa gore nako e Modimo a mo segofatsang ka lenyalo a nyalwe Setswana go itsa go dirisa madi a mantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Interview

Date : 05 Jun 2024