Tlotlang ditshwanelo tsa babereki
04 Jun 2024
Barui ba rotloeditswe go tlotla ditshwanelo tsa ba bareki ba bone ka go di tsuolola ele tlolo molao.
Fa a bua kwa moletlong wa setlhopha sa barui sa kwa polaseng ya Kwakwadi ka matlhatso, Tona wa Lephata la tshiamiso Molao, Rre Machana Shamukuni o tlhalositse fa go rontsha motho ditshwanelo tsa setho, e le tlolo molao.
A re lefatshe la Botswana le tseela ditshwanelo tsa setho kwa godimo e bile le ikemeseditse go di sireletsa ka nako tsotlhe.
O ne a tlhalosetsa barui gore ofisi ya mosireletsi e filwe dithata tsa go go tlhotlhomisa dikgang tsa kgatako ya ditshwanelo tsa setho.
Tebang le tse di amang bogodu jwa leruo, tona o tlhalositse fa lephata la gagwe le tshwentswe thata ke kgolo ya bogodu jwa leruo jo bo jesetsang barui mo kgwebedung.
O ne a tlhomamisetsa barui gore lephata la gagwe le tshwaragane le maphata a a amegang ba tswelele ka go amogana megopolo e e ka tsisang tharabololo ya sennela ruri ya go fefosa ditsheko tsa bogodu jwa leruo.
Ka go le leuba, o ne a gakolola barui go fokotsa dipalo tsa leruo ka go le rekisa gore go sa le palo tse ba ka di jesang.
Rre Aobakwe Banamile, mmueledi yo o ikemetseng, o ne a gakokola barui go tshuba dikgomo tsa bone di sale dipotlana.
O ne a gakolola mapodisi go tshwara le go amogana bosupi sentle ka gore go le gantsi magodu a leruo a falola molato ka ntata ya go tlhoka go tshwara bosupi sentle.
O ne gape a supa fa go le botlhokwa go putha bosupi jo bo lolameng pele ba isa kgetsi kwa kgotla tshekelo.
Fa atswa la gagwe, moeteledipele wa letsholo tshireletso la KgomokKhumo le le thibeletseng kwa motseng wa Takatokwane bosheng, Assistant Superintendent Samson Maphala a re ba setse ba tshegeditse dikgomo di le masome a supa le bobedi (72) tse go belaelwang ele tsa bogodu.
A re ba santse ba batla lefelo le le fapheging go baya dikgomo tseo teng gore barui batle ba supe tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : POLASE YA KWAKWADI
Event : Moletlong wa setlhopha sa barui
Date : 04 Jun 2024