Breaking News

Modimo seikokotlelo sa botshelo

04 Jun 2024

Baetelediple ba dikereke ba rotloeditswe go ikakatlela ka lefoko la Modimo ka e le lone le le ka ba kaelang tsela go goga diphuthego tsa modimo go ba rerela efangele ya boammaaruri ka fa go tshwanetseng ka teng ka e le yone seikokotlelo sa botshelo le thomo ya bone.

Fa a bua kwa Maubelo ka Matlhatso mosimolodi wa kereke ya St Bethele Apostolic Church mo Botswana Archbishop Kefilwe Giwa o ba kgothaditse go ntsha mebele ya bone setlhabelo se se tshedileng, se se itshepisitsweng ebile se lebosega mo modimong ka go mo direla ka nako tsotlhe ka e le ene mokaedi wa bone.

A re ba nne sekao sa boutlwelo botlhoko, lorato, boikobo, boineelo le kagiso ka seo se ka ba thusa mo kagong le tshwaragano ya diphuthego tsa bone mo kgolong go ya pele.

O rotloeditse boBishop ba St Peter Faith Mission go dira thomo ya modimo ka nako tsotlhe ba tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo eseng go ba kgetholola ka letso le mmala, khumo le khumanego, ka mo ponong ya modimo e le batho ba a ba ratang ka lerato le le kanang.Archbishop Giwa o ba gakolotse go ikgapha go thuba dikereke tsa bone ka go ikgogomosa ka maemo a bone mo diphuthegong mme ba dise letsomane la modimo ka go tshwara diphuthego  ka tekatekanyo.

O ba rolotloeditse go rata ba ba sa ba rateng le go batla ba ba sa batleng ka boingotlo le boikokobetso ka jaana ba etelela pele batho ba maikutlo, megopolo le ditlhaloganyo tse di farologanyeng mme bone ba tshwanetse go tlhwaaafalela go dira kagiso ka nako tsotlhe.

Baeteledipele ba dikereke tse di farologanyeng ba ne ba ntsha mafoko a kgothatso ka go laya di Bishop ka tiro ya bone, boitsholo le botho ka ba tshwanetse go nna sekao mo pele ga diphutego ka nako tsotlhe.

Bishop Frank Mackenzie wa kereke ya First St Peter o ba gakolotse go sala morago molao motheo wa dikereke tsa bone gammogo le molao wa lefatshe oo tsamaisang dikereke ka e le one o ka ba kaelang ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng ba sa kgopakgopediwe.

O ba gakolotse gape go ikgapa mo mading a kereke ka go a dirisa mo sa amogelesegeng ka dikgang tsa teng di felela di thuba le go lotlhanya diphuthego, mme ba lope modimo go dira boammaaruri ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa mo kgodisong le koketsego ya diphuthego.

Moruti Ditiro Tumaeletse wa kereke eo kwa Tsabong fa a bua ka ditso tsa kereke o ne a tlhalosa fa e simolotswe ke moswi Mme Talita Mmantshe ka 1930 kwa Afrika Borwa mme ya gola go fitlhelela e bulwa mo Botswana ka ngwaga wa 1959 kwa motseng wa Mahalapye.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kereke eo e na le dikgaolwana di le masome a mabedi le boraro mo Botswana le e le nngwe kwa Afrika Borwa.

O ne supa fa Archbishop Kebabope Hlabano e le ene a eteletseng pele kereke ya St Peter Apostolic Faith Mission go simolola ka ngwaga wa 2018 mme a salwa morago ke Bishop ba le batlhano le baruti mo dikgaolwaneng tse di farologanyeng le barongwa ba bangwe ba modimo.

Ka letsatsing leo go ne ga tsholediwa maemo barongwa ba le bane bomme ba le babedi le borre go apesiwa diaparo tsa bo Bishop ba akaretsa Bishop Thebe Setakole go tswa Molepolole le dikgaolo tse di mabapi, Mosarwa Keitumetse go tswa Moralane kwa Kgaolong ya Ngwato, Bishop Ntshinogang Mabuto go tswa Francistown, le Bishop Magaret Shaba go tswa Selebe Phikwe.

Fa a tswa la gagwe Archbishop Hlabano o ne a ba kgothatsa go tshwara ka natla mo thomong ya bone ka e le tiro e e masisi ka ba tshwanetse go nna sekao, mme a ba gakolola go rera lefoko la Modimo ba itebagantse thata le botlhoka tsebe jwa banana jo bo ileng magoletsa go thusa puso ka e ka seke e kgone e le nosi.

O ne a ba rotoletsa gape go ngokela banana mo dikereng ka go ba rerela lefoko la modimo ka seo se ka thusa mo kagong sesha le phetogong ya boitshwaro jwa bone le go itse fa modimo o ka ba sireletsang le go ba kaela tsela ya nnete.

Mo mafokong a gagwe a tebogo moruti Jimmy Otlaadisang o ne a rotloetsa tshwaragano, tirisanommogo le lorato ka e le yone konokono mo dikerekeng tse di farologanyeng go bopa le go aga diphuthego go ya pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAUBELO

Event : Tirelo ya kereke

Date : 04 Jun 2024