Kereke ya Morning Star Apostolic e aba ntlo
04 Jun 2024
Mogolwane go tswa kwa kerekeng ya Morning Star Apostolic Mme Irene Molosiwa o tlhalositse fa tiro ya mokeresete e le go tlhokomela setshaba se a tshelang le sone.
Moruti Molosiwa o ne a bua se jaaka ba ne ba abela Mme Morobi Ketlaamoreng ntlo ya dikamore tse pedi e e agilweng ka tshwaragano ya kereke ya Morning Star le ba Premium Nickel Resources Botswana kwa kgaolong ya Botshabelo bosheng.
Mme Molosiwa o tlhalositse fa ba dira jalo ba setse mangwe a maitlamo a bone a kereke a ba ipeetseng go lemoga letlhoko le go utlwela ba ba tshelang nabo botlhoko.
O ne a re mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go nnna le khumo ya semoya gore a kgone go leba motho yo mongwe ka leitho la kutwelo botlhoko.
Go ya ka Mme Molosiwa, kereke ya Morning Star e setse e kile ya abela mongwe ntlo kwa Sefhophe.
O tlhalositse fa kereke e sena maloko a mantsi mme ditiro tsa yone di le dikgolo, a ba a tlhalosa fa ba ne ba tshwaragane le ba khamphani ya PNR go ba thusa ka ba ne ba sa tshwara sepe se se kalo mme ba na le lorato la go thusa mong ka bone.
A re ba kgonne go dira tse tsotlhe ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Archbishop Molosiwa Molosiwa.
Le fa go ntse jalo mothusa molaodi wa Selebi Phikwe Rre Abednico Mmereki o ne a akgolela kereke ya Morning Star lekhamphani ya PNR go bo ba tsweletse ka go lemoga ba ba tlhokang.
Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa maitlamo a kereke a tsamaelana le tebelopele ya lefatshe ka go tlhokomela ba ba tlhokilemg lesego ka go ba direla bonno jo bo eletsegang.
O ne a re bonno ke nngwe ya tse di botlhokwa mo matshelong a batho ka jalo a ba kgothatsa go tswelela ba leba fa go nang le botlhoki teng.
Rre Mmereki o tlhalositse fa puso e dirisa madi a mantsi go tlamela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jalo a kgothatsa ba kereke ya Morning Star go tswelela ka tiro ya bone e ntle.
Le fa go ntse jalo Rre Leburu Gaapongwe go tswa kwa khamphaning ya PNR o ne a tlhalosa fa go ne go le motlhofo go bereka le ba kereke ya Morning Star ka ba ne ba supa fa ba na le lenyora la go thusa Mme Ketlaamoreng le ntswa se ba neng ba na le sone sene se sa lekana go aga ntlo.
Rre Gaapongwe o ne a re ka go bona maitlamo le maikarabelo a bone ba ne ba tsaya tshwetso ya go tshwaragana le bone go fitlhelela kago ya ntlo e wela ya ba ya abelwa monng wa yone.
O ne a kgothatsa dikhamphani le dikereke go dira botsala le bagwebi ba toropo ya Selebi Phikwe gore ba kgone go thusa ba ba mo letlhokong.
O ne a re fela jaaka khamphani ya PNR e sa dire letseno lepe mme e kgonne go thusa, dikhamphani tse dingwe le tsone di tshwanetse go ititaya ka thupana go thusa fa go tlhaelang teng.
Mme Ketlaamoreng yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa o ne a lebogela mpho a tlhalosa fa e tsile go mothusa mo diemong tse di thata ka a ne a tshela ka go nna mo malwapeng aa duelelwang a batho go hirisa.
O ne a tlhalosa fa a leboga mongwe le mongwe yo nnileng le seabe gore ntlo.
A re se se mo itumedisitseng thata ke go bona a neelwa ntlo e na le sengwe le sengwe se se tlhokegang mme a solofetsa fa a tlaa tlhokomela ntlo ya gagwe ka e le yone e e mo neelang seriti. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : BOTSHABELO
Event : Kabo ya dimpho
Date : 04 Jun 2024