Puso e lemoga seabe sa kereke
03 Jun 2024
Mopalamente wa Molepolole Borwa e bile e le tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng a re puso e lemoga seabe sa kereke mme e bile e itlamile go tswelela e ema kereke nokeng.
Rre Morwaeng o buile jaana kwa moletlong wa kereke ya Kgololesego Christian ka Matlhatso kwa Mmanoko fa kereke eo e ne e ipelela dingwaga tse pedi e ntse e le teng. Mopalamente Morwaeng o supile fa puso e ka seke e itlhokomolose karolo e kereke e e tsayang mo go bopeng tshaba.
A re pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso, dikereke le dikgosi ke tsone tse di neng di rwele boikarabelo jwa go etelela lefatshe pele le go tlhabolola matshelo a Batswana. Ka yone ntlha eo, a re puso e ka seke e ikgatholose seabe sa kereke.
Rre Morwaeng o ne a tlhalosa gore ka puso e lemoga seabe sa kereke, molao-motheo wa lefatshe leno le one o sireletsa seabe sa kereke mme e bile ke sone se go tserweng tshwetso ya gore o lemoge ditumelo ka go farologana le fa bangwe ba ne ba eletsa fa lefatshe leno e ka nna la Sekeresete fela.
“Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go obama ka fa a eletsang ka teng,” Mopalamente Morwaeng a tshwaela jalo a tlatsa ka go re ‘re se re leng sone re le lefatshe la Botswana ka kereke’.
E ne ya re mo moletlong oo, Mopalamente Morwaeng le Tona ya Itshireletso Rre Kagiso Mmusi ba nna le sebaka sa go rola melora le diaparo tse di rekilweng ke kereke gore ba tle ba di abele sekole se sebotlana sa Mmanoko.
E rile fa a rola mpho eo, Rre Morwaeng a akgola kereke ka seabe sa bone mo setshabeng a bo a tlhalosa fa go le sego letsogo le le abang go nale le le amogelang. A re go sa kgathalesege gore mpho e kana kang, e ka dira pharologanyo mo botshelong jwa motho.
Fa a latlhela la gagwe, Tona Mmusi le ene o ne a iteela kereke ya Kgololesego legofi a re ekete Modimo o ka ba etelela pele mo tirong e ba e dirang a ba tlamela le go ba godisa.
O ne a gwetlha kereke gore mowa wa go aba e nne mokgwa le ngwao o tswelele gore ngwaga le ngwaga ba itse fa ba na le morafe le sekole mo tikologong ya bone tse ba ka di emang nokeng.
Fa a amogela dimpho tseo mo boemong jwa mogokgo wa sekole sa Mmanoko, Morutabana Keiphe Tlhabano o ne a supa boitumelo a re go letlhogonolo letsogo le le abang bogolo jang go abela ba ba tlhokileng lesego.
O ne a leboga segolo bogolo go bo kereke e lemogile fa sekole se na le botlhoki mme ya tsenya letsogo.
Mookamedi wa kereke ya Kgololesego mo lefatsheng leno, Archbishop Mojuta Matshaba o gwetlhile Bakeresete go dumela mo go Jeso yo o tshelang e seng mo mothong kgotsa mo kerekeng.
A re Bakeresete mo malatsing ano, ba tabogile fa morago ga dikereke ba akanya gore kereke e tlaa ba fa tse ba di eletsang.
A re go dira jalo go baka gore ba ntshe matlho mo go Keresete.
O ne a tlhalosa fa boikarabelo jwa kereke e le go rera Jeso yo o tshelang le go sokolola batho gore ba dumele mo go Keresete.
Le fa go ntse jalo, o ba kgothaditse go nna Bakeresete ba ba ntle ka ditiro di tle di ngokele batho kwa Modimong ka e le ene botshabelo.
Archbishop Matshaba o ne a leboga bo tona go bo ba tsere matsapa go tla go ipela le bone ka a re ga se gantsi dkereke ya bone e etelwa.
Le fa go ntse jalo, a re kereke ya gagwe e na le motlhala wa ditiro tsa bopelotlhomogi tse e di dirileng mo setshabeng jaaka go thusa go gokela metsi mo digotlong tsa ba ba itsholelo e kwa tlase, go rekela bana ba malapa a itsholelo e e kwa tlase paka ya sekole le dibuka go fitlhelela ba fetsa sekole.
A re kereke ya gagwe ga e rere lefoko fela mme e a le diragatsa ka go leba le go tlamela ba ba dikobo dikhutshwane le mo kerekeng tota.
Moruti Jerusalema Mochekele wa Mmanoko ene o ne a tlhalosa fa maikaelelo a moletlo oo e ne e le go ipela ka kereke e na le dingwaga tse pedi e ntse e le teng mo Mmanoko e bile ditiro tsa yone di setse di bonala.
A re kereke e simolotse mo Mmanoko ka 2021 mme motlhala wa yone o bonala sentle ka e rile e simolola ba kgona go ntsha banana bangwe mo ditaging, ba thusa batho ba ba neng ba tla ka mathata a a farologaneng, bangwe ba bona ditiro le pholo mo moweng.
A re e rile batho ba ntse ba bona dithuso ba leboga ka go ntsha dithuso ka go farologana mme kwa bofelong ba kgona go aga ntlo ya kobamelo.
A re phuthego e, mo bogompienong e setse e na le maloko a ka tshwara makgolo a mararo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MMANOKO
Event : Moletlong wa kereke ya Kgololesego Christian
Date : 03 Jun 2024