Breaking News

Marara a Tsabong a akgola Mme Masisi

03 Jun 2024

Marara a kgaolo ya Tsabong a akgoletse mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go diragatsa maitlamo a go nna morotloetsi mogolo wa motsamao wa Walk on the Sand Dunes for the Camels.

Mme Masisi yo o gatileng mmu wa kgotla ya Tsabong e le la ntlha ka Labotlhano go buisanya matlho a phage a lebane le marara a kgaolo eo, a re maikaelelo a gagwe ke go godisa motsamao oo o a o simolodisitseng semmuso ngogola ka Seetebosigo a laleditswe ke komiti ya TSAMAMA Trust.

O roletse marara gore o dirile maitlamo a go tsaya karolo gore le ene a nne le seabe mo tshomarelong ya dikamela le go somarela tikologo. 

Mohumagadi a re motsamao oo o botlhokwa go tsosolosa itsholelo mo dikgaolong, a supa gore mogwanto oo o botlhokwa ka o rotloetsa le go atolosa bojanala ka Batswana le ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe ba tshologa tiro eo mokgosi.

Mohumagadi Masisi a re o itlhophetse go tla mo kgaolong ka gore ke matshwanedi go lekola Batswana kwa dikgaolong go itseela ka tsebe matshwenyego le matlhoko a bone gore a tle a atamele tsebe ya ga Tautona go gorosa dikgang segautshwane e le mohumagadi wa gagwe.

 O rotloetsa go ipelela ngwao le go ribolola dintlenyane tse Batswana ba nang le tsone. 

O supa jalo gore Batswana ba bopaganngwa ke ngwao, ka jalo tshomarelo ya yone e botlhokwa mme e bile go botlhokwa go lomagana le magosi mo dikgotleng. 

Fa a amogela Mohumagadi Masisi, Kgosi David Toto II wa Tsabong yo e leng moemedi wa kgaolo eo kwa Ntlo ya Dikgosi, o amogetse ka diatla tsoo-pedi go bo Mme Masisi a ne a tsile go lekola kgaolo eo le go ithaopa go ema lekgotla la TSAMAMA Trust nokeng go somarela dikamela. 

O supile gore Tsabong o a gola, ka jalo o tlhoka ditlamelo tse di rileng go tlamela metse e e mo kgaolong eo ka e le one boremelelo jwa ditlamelo mo kgaolong ya Tsabong. 

O ne a rolela Mohumagadi Masisi gore ngogola dipula di dikile di le boutsana mme seo se gomagometsa go baka leuba le le lebegang le tla ka mashetla, ka jalo a kopa gore go elwe tlhoko matlhoko a a tlaa amang mehama ya itsholelo ka go farologana le batlhoki. 

Kgosi Toto o ne a supa gore seemo sa phetogo ya loapi se a iponatsa ka paka ya selemo e ne e le mogote o o neng o ntsha kolobe mo hokong, ka jalo diemo tse di tshwanetse tsa tlhodumelwa ga tsiwa ka ditharabololo. 

Kgosi Toto II o roletse Mme Masisi gore kgaolo ya Tsabong e faraferwe ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong le bana mme marara, botsadi le maphata a a maleba ba tsweletse ba a kgalema. 

O ne a supa gore e re le ntswa kgaolo e le kgakala le ditoropo tse go le gantsi ditagi di bonwang mo go tsone, ba tshwenngwa ke bothata joo, segolo jang mo bananeng e bile di ba itaya tsebe go ithuta le go dira ditiro tsa selegae.

Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe le ene o lebogetse Mohumagadi Masisi go lekola kgaolo eo le go e tlhabolola ka go etelela pele mogwanto wa go somarela dikamela mme seo se ba tiisa moko e le metse ya Tsabong, Maleshe le Maubelo e e ipopileng go dira TSAMAMA Trust.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks, o phophothile Mme Masisi legetla, a supa gore o dirile ditso ka go nna mohumagadi wa ntlha wa ga Tautona go etela kgaolo eo mme e bile a e tlela ka maungo a ditlhabololo, a tsholofelo, a thuto le maungo a isago. 

A re ditiro tsa gagwe le boitsholo jwa gagwe di ka nowa moro ke bomme. Ka jalo a ba rotloetsa go kwatabolotsa maele mo go ene ka ba ka roba maungo a a bophose mo malwapeng a bone le mo setshabeng ka kakaretso.

A re bomme ke dipinagare tsa malapa, ka jalo ba tshwanetse ba rotloetsega go ema ka dinao le bone go tsaya karolo go dira tse di sa tlwaelesegang go isa lefatshe leno kwa mankalengkaleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Walk on the Sand Dunes for the Camels

Date : 03 Jun 2024