Tona o rotloetsa morafe go kwala ditso
02 Jun 2024
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re go le gantsi ditiro tse di tshwaraganetsweng ke morafe le bogogi jwa motse di supa maitshwaro le setho sa bone.
Rre Autlwetse o buile jalo ka Labotlhano a bula semmuso leobo la kgotla kwa Kgagodi.
E rile a ema morafe ka lefoko, Rre Autlwetse a akgolela Batalaote go bo ba ne ba tshwaragane go tlhomamisa gore kago ya leobo e a atlega.
A re gore motse o tlhabologe, go tlhoka tshwaragano magareng ga morafe, dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo ka e le bone sesana se go gamolelwang mala mo go sone.
Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa leobo le agilwe ka bontlha bongwe jwa madi a dikgaolo tsa botlhophi a a fa godingwana ga P300 000.
O ne a tlhalosa fa madi a dikgaolo tsa botlhophi a simolotse go ntshiwa ka 2016 mme a tsena mo tirisong ka 2017 morago ga gore mapalamente a lemoge fa dikgaolo tsa bone di saletse kwa morago ka ditlhabololo.
O ne a tlatsa ka go re se se dira pharologanyo mo matshelong a batho ba le bantsi ka ba akotse go le go ntsi mo lenaneong leo ka e bile le itebagantse le go thapa bana ba dikgaolo tse go dirwang ditiro kwa go tsone le go reka mo dikgwebong tse di leng teng mo dikgaolong tseo.
A re le kwa dikoleng go ntse fela jalo boikarabelo bo neetswe beng gae gore e nne bone ba jesang bana ba dikole, se e le go tlhomamisa gore le bone ba nna le letseno.
O ne a ba kgothatsa go tlhokomela dikago tsa puso go tlhomamisa gore di tswelela di solegela banni molemo.
Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa puso e santse e tshwenngwa ke dikgang tsa go lwela bogosi.
O ne a re go itsa dikgang tsa go nna jaana morafe o tshwanetse go kwala ditso tsa one go ya ka fa tlholegong ya one di bo di bewa le kwa metlobong ya dibuka.
Rre Autlwetse a re go kwala ditso tsa merafe le metse go ka thusa ka go ka itsa go runya ga dikgotlana tse o tlaa fitlhelang motse o monnye o na le dikgosi di feta lesome le botlhano.
O ne a tlhalosa fa se se rotloediwa ke dikgosi ntswa kwa tlholegong motse o tlholegile go sena dikgotla tse di ntsi.
A re se se tsenya puso mo ditshenyegelong tsa go duela batho ba ba sa tshwanelang.
A re se se tshwenyang le go feta ke gore le ba ba leng kgakala le lesika la bogosi ba simolotse go itshunya nko mo mererong ya bogosi.
O tlhalositse fa se se diga serodumo sa bogosi jo bo tswang kgakala e le jone bo tshegeditseng ditsamaiso le merero ya tsa selegae.
E rile a tswa la gagwe, mothusa kgosi ya Ga-Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o ne a leboga puso go bo e ne ya seka ya kgaphela bogosi kwa thoko morago ga gore lefatshe le tsee boipuso.
Kgosi Seretse o ne a tlhalosa fa e le ruri puso e tlotolmatsa seabe sa bogosi ka go dira dikago tsa boleng jo bo kwa godimo, mme e bile di tsentswe maranyane a a thusang gore batho ba kgone go a dirisa kwa ntle ga ditshenyegelo dipe.
O ne a tlhalosa fa se se dira gore setshaba se seka sa salela kwa morago mo diphetogong tsa go fetola dikakanyo le megopolo jaaka e le keletso ya ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
O ne a kgothatsa dikgosi go tswelela di thusa morafe kwa ntle ga kgethololo le go ikgapha mo go tsa sepolotiki
Fa a bua kwa tirong eo, Kgosi Moriti Kgagodi o ne a tlhalosa fa ba sa robadiwe ke dikgang tsa go lwela bogosi, bogolo jang kwa dikgotleng tse di nnye le ntswa ditso di supa gore bogosi ke jwa ga mang.
Kgosi Kgagodi o ne gape a kopa tona gore ba thusiwe ka lepodisi le modisa dikago kwa kgotleng.
A re fa e sale ka 2012 kgotla ya gagwe e tsholediwa maemo ga go na yoo pegang le go folosa fologa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Kgagodi
Event : Pulo semmuso
Date : 02 Jun 2024