Masukwane o bula leobo semmuso
02 Jun 2024
Leobo la kgotla ya Masukwane kwa Bokone Botlhaba le butswe semmuso ka Labtlhano.
Go tlhalosiwa fa leobo leo, le simolotse go agwa ka Ngwanatsele, 2022 mme la wela ka Moranang 2023, le agwa ka P340 489 yo o neng a tsewa mo mading a dikgaolo tsa botlhophi (CCP).
Fa a bula semmuso leobo leo, mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o lebogetse tshwaragano le boipelego, mowa o banni ba Masukwane ba o supileng fa e sale leobo leo le simolola go agwa go fitlhelela le wela.
Rre Moabi o kgothaditse banni go emela motse wa bone ka dinao tebang le tsa ditlhabololo, a kaya fa go sena ope yo o ka tswang kwa ntle go tla go ba agela le go ba tlhabololela motse, bone ba ithetse moriti o tsididi.
Rre Moabi o boletse fa leobo leo, e le nngwe ya ditiro tse di dirilweng ka madi a CCP mo kgaolong ya gagwe, a tlatsa ka go re ofisi ya gagwe e ne ya tsaya tshwetso ya gore metse yotlhe ya Tati Bophirima e agelwe maobo a kgotla a segompieno.
O ne a bolela fa maobo ao, a tlaa thusa setshaba go tshwarela merero ya metse fa go babalesegileng teng mme e bile go kgatlhisa.
Fa a tshwaela mabapi le ditlhabololo, Mopalamente Moabi o tlhalositse fa letlhoko la ditlhabololo le dikgwetlho di seke di tlhokafala mo metseng, a re fela puso e leka bojotlhe go isa ditlhabololo kwa bathong.
Le fa go ntse jalo, o gakolotse banni ba Masukwane gore ditlhabololo tse ba di eleditseng di ka seke tsa diragadiwa ka nako e le nngwe.
Rre Moabi a re kgothatso ke go re fa go na le tlhabololo nngwe e e dirwang mo motseng, tiro e abelwe monni wa motse kgotsa wa kgaolo.
Ka moo, o ne a akgola ba Masukwane go bo ba ne ba abela Rre Lagion Mpesu tiro ya go aga leobo.
Go sale foo, Rre Moabi o rotloeditse banni go sola molemo kgokelo ya motlakase wa mahala mo malwapeng.
Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Thabang Moipolai o ne a lebogela leobo a re le dirile pharologanyo e kgolo le go fetola tebego ya motse wa bone.
Rre Moipolai a re le ntswa kwa tshimologong go nnile le dikgwetlho, leobo le ne la wela.
O bile a lebogela botlhe ba ba neng ba ba tswa thusa gore tiro eo e atlege.
Mokhanselara wa Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart le ene o ne a galaletsa Rre Mpesu go bo a weditse kago ya leobo ka tlhwatlhwa le ka nako e e neng e beilwe.
A re mo godimo ga moo, Rre Mpesu o ne a dirisanya sentle le ba a neng a ba thapile go dira ditiro dingwe di tshwana le kgokelo ya motlakase le tse dingwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, Kgosi Bayedzi Mokhonto o ne a supa fa setsha sa kgotla se le sennye, ka jalo a kopa gore se atolosiwe gore go kgone go agwa diofisi tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masukwane
Event : Pulo semmuso
Date : 02 Jun 2024