TSAMAMA e kopa polase ya bobedi
02 Jun 2024
Lekgotla la morafe la thuo le tlhokomelo ya dikamela la TSAMAMA Community Trust le tlhoka polase ya bobedi e le ka atolosetsang ditiro tsa lone mo go yone.
Kgosi Gabriel Ntau wa Maleshe yo motse wa gagwe o nang le Tsabong le Maubelo mo lekgotleng leo, o tlhaloseditse Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi fa lekgotla la bone le eletsa go ungwelwa go le gontsi mo dikameleng tsa lone mme fela ditoro tseo di kgorelediwa ke tlhaelo ya lefatshe.
Fa a bua kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o diretswe Mme Masisi kwa Tsabong ka Labotlhano, Kgosi Ntau o ne a re ba santse ba letile lekgotla la kabo-ditsha la Kgalagadi go araba kopo ya bone e ba e dirileng ngwaga tse tlhano tse di fetileng.
O supile fa tiego ya go ba abela lefatshe e ama tiro ya lekgotla ka e emisitse maikaelelo a bone a go fokotsa mosuke wa dikamela kwa ba ruetseng teng gompieno, kwa a tlhalositseng fa palo ya diphologolo tseo e setseng e oketsegile go menagane mme seo se setse se amile le phulo.
A re sengwe gape se TSAMAMA Trust e se tlhokelang polase e nngwe ke go tlhoma madirelo a a dirang ka di-tswa-kameleng di akaretsa nama le mashi.
Kgosi Ntau a re madirelo a go nna jalo a ka okeletsa lekgotla la bone letseno, segolo jang ka go setse go supagetse fa dikamela e le motswedi o o popota wa madi.
Le fa go le jalo, o ne a lebogela Mme Masisi, yo a leng morotloetsi mogolo wa lekgotla kemo nokeng ya gagwe, a supa fa e tiisa merafe ya metse e meraro ya bone moko go tswelela ba kgaratlhela katlego mo thuong ya dikamela.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks le ene o ne a iteela Mme Masisi legofi, a re go ikamanya ga gagwe le TSAMAMA Trust go file lekgotla leo tsholofelo ga ba ga gwetlha kgatlhego ya setshaba mo go lone.
A re go bo lekgotla le engwe nokeng ke motsadi wa maemo a Mohumagadi wa ga Tautona ke tlotla e kgolo e e tsholeditseng serodumo sa lekgotla le metse e e ka fa tlase ga lone.
Rre Brooks o bile a lebogela Tautona Masisi maikemisetso a gagwe a a tsepameng a go rotloetsa kgolo le go itshetlela ga makgotla a tlhokomelo di-tsa tlholego.
E ne ya re mo letsatsing le le latelang Mme Masisi a etelela pele mogwanto o o duelelwang wa go kokoanyetsa tlhokomelo ya dikamela madi.
Mogwanto oo, o o neng o le mo ngwageng wa bobedi, o ne o tshologetswe ke batho go tswa mono gae le kwa Afrika Borwa mme go ya ka barulaganyi, dipalo tsa monongwaga di gaisitse tsa ngogola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : Tsabong
Event : Moletlo
Date : 02 Jun 2024