Mogokgo o itumelela tirisanyo mmogo
30 May 2024
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume, Mme Kili Mpoko a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana ke yone e dirang gore sekole seo se bo se dira botoka mo maduong a ditlhatlhobo.
Mme Mpoko o buile jaana fa a ne a amogela mpho ya motshine o o ntsifatsang dipampiri go tswa kwa go Rre Moffat Mabutho kwa sekoleng seo ka Labobedi.
A re go dira botoka ga sekole seo go ba baketse mosuke ka motsadi mongwe le mongwe a eletsa fa ngwana wa gagwe a ka tsena koo.
A re mosuke oo o ba beile ka fa mosing ka jaana fa go phadisanngwa le dikole tse dingwe mo maduong a lekwalo la bosupa go lekalekanngwa fela le dikole tse di nang le palo e nnye ya baithuti, mme selo seo se ba digele tlase ntswa ba ne ba ka tsaya maemo a ntlha mo dikoleng tse di mo kgaolong ya Tutume.
O ne a leboga tirisanyo mmogo e batsadi ba e supileng, a re ke ka lebaka la tomagano eo go bo sekole seo se kgonne go goroga fa se leng teng.
Fa a rola mpho eo, Moffat Mabutho yo e leng mogwebi, a re o mo mosepeleng o o saleng o simologile ka 2012 go abela dikole motshine o o ntsifatsang dipampiri go tokafatsa thuto.
Rre Mabutho a re o setse a abetse dikole di le lesome le bobedi go balelwa le sa Tutume le tse dingwe tse di mo dikgaolong ka go farologana.
O tlhalositse fa thuto e le botlhokwa mo matshelong a batho le mo go tlhabololeng itsholelo ya lefatshe.
O ne a kgala barutabana ba ba nang le mokgwa wa go kgoba baithuti ka go ba bitsa ka maina a tshotlo, a re ga go na ngwana ope yo go ka tweng o a palelwa ka ngwana o tshwanetse go thusiwa gore a kgone go nna le seabe le go ka itshupa bokgoni.
Modulasetilo wa komiti e e itebagantseng le tsa thuto le botsogo kwa khanseleng ya Tutume e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ishmael Mokgethi o ne a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke Rre Mabutho.
Rre Mokgethi a re mpho eo e tlaa thusa thata ka lephata la thuto le aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi lefatshe ka bophara.
O ne a galaletsa Rre Mabutho, a re ga go motlhofo gore batho ba ntshe madi mo dikgwatlheng, mme ene o ne a bona go tshwanela go dira jalo jalo.
Mokhanselara o ne a mo kopa go tswelela ka mowa oo, ka go thusa dikole ka puso e santse e tshwaragane le namane e tona ya tlhaelo ya didirisiwa kwa dikoleng.
O ne a rotloetsa batho go nna le mowa wa boithaopo le wa go aba, a re go dira jalo go rotloetsa batho go dira ba le setlhopha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 30 May 2024