Breaking News

Bomme le banana seikokotlelo sa temo-thuo

30 May 2024

Kgaolo ya SADC e dirile go utlwala mo go tlhameng ditsamaiso le mananeo a a diretsweng go thusa bomme le banana go dirisa bokgoni jwa bone ka botlalo.

Fa a bua kwa tirong ya go abelana dikitso ya bomme le banana ba balemi-barui kwa Kasane bosheng, mogolaganya ditirelo tsa Centre for Coordination of Agricultural Research and Development in Southern Africa (CCARDESA), Dr Baitsi Podisi o ne a re ditsamaiso di fa bomme le banana didirisiwa tsa botlhokwa gammogo ke ikatiso gore ba phomelele mo temo-thuong.

A re bomme le banana ba atlegile go bonala mo go boneng kemo nokeng ka tsa madi e e ba kgontshang go bona lefatshe go itshimololela dikgwebo tsa temo-thuo.

Mo godimo ga moo, Dr Podisi a re bomme le banana ba kgona go akola dithuto tsa temo-thuo tse di ba lebaneng e bile di diretswe go ba nonotsha ka magokonyane a sesha a temo-thuo.

A re thuto-puisanyo e ne e diretswe go abelana dikitso ka go itlhamela le go fana maele ka tse di kgonnweng, go itebagantswe le tiriso ya peo ya tlholego ka tshomarelo, go kabakanya temo-thuo ya ngwao le ya sesha gammogo le go inaakanya le temo-thuo e e sa koafatseng seemo sa loapi.

Dr Podisi o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batsena phuthego ba ba tswang Afrika Borwa, Botswana, eSwatini, Lesotho, Mozambique, Namibia, Tanzania, Zambia le Zimbabwe ba tlamelwe ka didirisiwa tsa go fetola merafe ya bone ka go ithuta le go diragatsa methale ya temo-thuo ya tshomarelo.

A re mananeo a CCARDESA a a fa gare le a a tsayang lebaka le leleele a beile kwa pele kakaretso ya bomme le banana mo temo-thuong, go batlelwa le ba ba tshelang le bogole e bile go tshwaraganetswe tiro le European Union International Fund for Agricultural Development (IFAD) go siantsha kakaretso ya bomme le banana mo go tsa matshelo a batho.

Fa a ntsha la gagwe, mookamedi wa Botswana Farmers Association, Mme Diane Sibanda o ne a tlhalosa fa mekgatlho ya balemi-barui e tlhoafaletse go abelana maele le CCARDESA go itlhokoletsa phuthego ya kgaolo ya SADC e e tlang.

A re go le gantsi balemi-barui ba Batswana ba tshaba go lekeletsa tse di iseng di dirwe di tshwana le go lema moretlwa wa sekgoa ka ntata ya go sa tshephegang ga seemo sa loapi.

Le fa go ntse jalo, a re thuto-puisanyo e fatlholotse balemi-barui ya ba bontsha fa ba ka gatlhamela Masisi le go ithuta mo balemi-baruing ba bangwe mo kgaolong ya SADC.

Mme Sibanda a re Batswana ba supile kgatlhego le boineelo mo temo-thuong, bogolo jang ba ba filweng madi ke puso le makalana a a ikemetseng go fetola mhama wa temo-thuo le go godisa itsholelo.

“Re tsamaisa tshipidi balemi-barui ba banana le ba babotlana mme ba labile go tlogela tiro ka bogodi gore ba nne le dikitso tse di tlaa ba thusang go kakologa mamena.”

Molemi wa moretlwa wa sekgoa go tswa Tanzania, Mme Felista Mpore ene o kgothaditswe balemi ka ene go inaakanya le go dira dingwe go tokafatsa boleng jwa tse ba di ntshang mo temong ka tiriso ya masalela a di-tswa temong.

A re go dira jalo go tlaa thusa balemi-barui go fokotsa ditshenyegelo, go ntsha dijo tsa boleng jo bo kwa godimo e bile di phuthetswe sentle ba bo ba bona dipoelo tse di utlwalang.

Mme Mpore a re gantsi balemi ba ntsha maungo le merogo tse di senyegang ka bonako, mme ba kabo ba di phuthela ka tsela e e tlaa leelefatsang botshelo jwa tsone di bo di oketsa dipoelo.

A re temo ya moretlwa wa sekgoa e dira sentle kwa Dodoma, Tanzania, lefelo le a reng le na le bosekaka jaaka Botswana, a kgothatsa Batswana go inaakanya le temo ya Leungo leo ka e bile le na le mosola o montsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : kasane

Event : Thuto Seka dipuisanyo

Date : 30 May 2024