Leobo la kgotla ya Tsetsejwe le bulwa semmuso
26 May 2024
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Mme Talita Monnakgotla a re puso e tsweletse ka go tlotlomatsa le go lemoga seabe sa dikgosi mo lefatsheng leno.
Mme Monnakgotla a re sengwe sa tse di dirwang go lemotsha se, ke kago ya maobo a dikgotla a selebego se se kwa godimo le gone go tokafatsa diofisi tse dikgosi di thusetsang morafe mo go tsone.
O tlhalositse jalo kwa pulong semmuso ya leobo la kgotla kwa Tsetsebjwe.
Leobo leo, le simolotse go agiwa ka ngwaga wa 2017 mme la wela ka ngwaga wa 2020 ka kgwedi ya Phatwe.
Le fa go ntse jalo Mme Monnakgotla o tlhalositse fa ditiro tsa ditlhabololo ka bontsi di ne tsa seka tsa kgona go wediwa ka nako ka lebaka la go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, seemo se se neng sa dira gore bokete jwa madi a a neng a lebanye ditiro tsa ditlhabololo, a dirisiwe mo lephateng la botsogo.
Mme Monnakgotla o tlhalositse fa puso e lemoga seabe sa dikgosi mo go bopeng lefatshe, ke ka moo puso e tsweletseng go ba direla mafelo a ba thusetsang morafe mo go one ba sireletsegile.
A re kgotla ke lefelo le baeng ba gorogelang mo go lone le merero e tshwarelwa teng, ka jalo a re lephata la gagwe le itlama gore dikgotla tsotlhe e nne tsa selebego se se siameng.
Mme Monnakgotla o lebogetse komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna le seabe mo dikgatong tsotlhe tsa kago ya leobo.
O ne gape a leboga mopalamente wa Bobonong, Rre Taolo Lucas, mokhanselara, le bodiredi jwa puso, a re ba ne ba tshwaraganye go tlhomamisa gore madi a dirisiwa sentle.
E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele ya Bobirwa Rre Kgomotso Mmereki a dira kopo ya gore madi a a ntshiwang go thusa go fefosa ditiro tsa ditlhabololo ka lenaneo la Constituency Community Projects (CCP) okediwe go lepalepana le tlhaelo e e kwa godimo ya ditlhabololo tse di ka atumetsang ditirelo tsa botlhokwa kwa magaeng.
Rre Mmereki a re madi a CCP a thusitse go atolosa kanamiso ya metsi mo motseng, katoloso ya kamore e e tlhatlhobelang balwetse kwa kokelong, dipone tsa mekgwatlha, le go tlhabolola tsela e e tswang kwa kokelong e ya mabitleng ka go ala ditena.
Rre Mmereki a re le fa khansele ya Bobirwa e santse e aperwe ke letlhoko la madi ba tlaa tswelela ba thusana le morafe wa Tsetsebjwe go bona gore tsotlhe tse di tlhokwang di nna teng gore tiro ya puso e kgone go tswelela.
Mothusa kgosi wa Tsetsebjwe, Rre Peter Phole a re o leboga puso ka go lemoga seabe sa dikgosi mo tlhabololong ya lefatshe.
Kgosi Phole a re dikgosi di na le seabe se se tona sa go kopanya le go bopaganya morafe ka jalo bogosi bo tshwanetse go tlotlwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : TSETSEBJWE
Event : Pulo semmuso ya leobo
Date : 26 May 2024