Breaking News

Makhanselara ba lebogela lenaneo la motlakase wa mahala

26 May 2024

Makhanselara a Okavango a lebogetse lenaneo la go tsenyetsa batho motlakase mahala.

Fa a akgela, morago ga tekodiso ka lenaneo kwa phuthegong ya khansele bosheng, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Keokeditse Rangosa a re lenaneo le, le ya go thusa ba le bantsi bogolo jang ba ba neng ba sa kgone go itsenyetsa motlakase ka ntlha ya dituelo.

Mokhanselara wa Shakawe Bophirima-Mohembo, Rre Matsaudi Matsaudi o kaile fa le le botlhokwa e bile le ya go tlhabolola matshelo a batho.

Rre Lesedi Boy wa Shakawe Botlhaba a re sebe sa phiri ke gore banni ba metse e e sa rurifadiwang ga ba na go akola lenaneo ka ba sena ditlankana tsa bonno, tse di leng botlhokwa gore batho ba thusiwe.

Mokhanselara wa Qangwa-Xaixai, Rre Lelejwang Sokwe o tshwentswe ke gore ba ba kwa ntle ga moalo wa motlakase ga ba na go akola lenaneo leo.

Mogolwane wa ditirelo tsa baji bareki wa kgaolo ya Bokone Bophirima go tswa Botswana Power Corporation (BPC), Rre Letsogile Ledimo o tlhalositse fa batho ba atlile lenaneo le thata mo kgaolong ya Okavango.

Rre Ledimo a re batho ba ikwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo fa e sa le lenaneo le simolodisiwa ka kgwedi ya Moranang e rogwa mme a supa fa go setse go thusitswe ba le lekgolo le masome a mabedi le bongwe.

O supile fa lenaneo le ka akolwa ke mongwe le mongwe yo e leng lantlha a tsenya motlakase mo setsheng sa gagwe sa bonno, go sa kgathalesege gore ke Motswana kgotsa jang le gore o amogela bokae.

Rre Ledimo a re baikopedi ba tshwanetse go bo ba na le setlakanna kgotsa se sesupo sa setsha sa bonno le go itirela kgokelo (wiring).

A re baikopedi ba ba senang bokgoni jwa go itirela kgokelo ya motlakase mme ba amogela P2400 go ya tlase, ba thusiwa ka mafatlhatlha a Ready Box ke BPC.

Rre Ledimo a re motlakase, o kgona go tsenngwa le mo matlong a Setswana fa e le setsha sa bonno e bile moikopedi o ka akola mo ditsheng tse di fetang bongwe fa e le lantlha a tsenya motlakase mo go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 May 2024