Breaking News

Ba kopiwa go tokafatsa dikgwebo

16 May 2024

Banni ba Maubelo kwa kgaolong ya Tsabong ba rotloeditswe go inaakanya le mananeo a puso jaaka Temo Letlotlo, Thuo Letlotlo, Chema Chema, YDF le a mangwe a maikaelelo a o ne e leng go tlhabolola dikgwebo tse di potlana le go tokafatsa matshelo a Batswana.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Maubelo ka Laboraro, a bo a gakolola gore mangwe a tlhoka gore ba ba thusitsweng ba buse bontlhabongwe jwa madi gore puso e thuse ba bangwe go tsosolosa le go simolodisa dikgwebo.

Rre Brooks a re lenaneo la Thuo Letlotlo le fa le le mogorogo masha, le ka nowa moro ke barui ba Kgalagadi ka maikaelelo a lone ke go ntsifatsa le go tlhabolola boleng jwa loruo le go godisa itsholelo.

Mopalamente o gakolotse banana bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la YDF go busa madi a ba tshwanetseng go a busa. 

A re go botlhokwa gore banni ba kgaolo ba potlakelwe go rutiwa ka mananeo a teng ke maphata a a maleba. Rre Brooks o tlhaloseditse banni fa e tlaare mo bogaufing, mapalamente ba tswelele ka dipuisano ka molao motheo, go sekaseka megopolo e e neng e ntshitswe ke setshaba.

Mopalamente Brooks o kopile banni go ikwadisetsa ditlhopho mo tlaleletsong ya bobedi e e tlaa simologang kgwedi e no e le masome a mabedi go fitlha e ya fifing.

Kgosi Phillip Lorekang ene o supile fa mono ngwaga pula e ne e le boutsana a re se se bakile leuba mo go amile loruo. O kopile puso go fokotsa tlhotlhwa ya dijo tsa loruo, gore bontsi bo kgone go fepa loruo lwa bone.

Kgosi Lorekang o supile fa lekgotla la kabo ditsha le tsweletse ka go baya ditsha mme sebe sa phiri e le tiego ya go dira ditsela tsa fa gare ga motse, go thusa banni go tlhabolola ditsha. O boletse fa banni gape ba tshwenngwa ke bogodu jwa loruo bogolo jang jwa dihutshane jo bo kekelang pele, a bo a supa fa bangwe mo nakong ya gompeno ba setse ba iphotlhere morago ga gore magodu a ba amoge ditsa bone.

Fa  a ba kgwa mopalamente  banni ba ngongoregile ka bogodu jwa loruo, letlhoko la dipalamo tsa mapodisi le kokelwana, ditsela tse di golaganyang motse le tiego ya dikopo tsa LIMID gareng ga tse dingwe.

Modulasetilo wa Khansele ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe o supile fa tiego ya go dirwa ga ditsela ka nako e e tshwanentseng e ne e le go tlhoka setlankana sa kepo ya mmu o o makgabana mme mo ngwageng o no wa madi wa 2024/2025 di tlaa kgona go dirwa.

Rre Baitsiwe o rotloeditse komiti ya ditlhabololo go dirisa madi ka fa go tshwanetseng ka teng mo ditirong tsa motse tse di sa lopeng madi a mantsi jaaka kgokelo ya motlakase mo matlong a VDC le tse dingwe.

Sub Inspector Gobusamang Nkgageng go tswa kwa sepodising sa Tsabong e ne o supile fa lenaneo la KgomoKhumo le tsweletse ka go lwantsha borukutlhi mme maduo a bonala. O kopile ba twantsho borukutlhi go tshwaragana le mapodisi le go tsosolosa komiti.

O kopile batsadi go kgalema le go tsenya bana mo tseleng ka ba tsweletse ka go inaakanya le borukutlhi le botlhokatsebe. A re sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS) se di goga kwa pele mo melatong e e farologaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAUBELO

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 16 May 2024