Tautona o galaletsa phuthego
09 May 2024
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re phuthego ya kgwebo ya US-Africa e e ntseng e tshwerwe mo toropong ya Dallas kwa lefatsheng la Amerika e tsamaile ka thelelo.
O boleletse bobega dikgang ja mmuso mo potsolotsong ka Laboraro fa a itumedisitswe segoloboglo ke ka fa lefatshe la Botswana le neng la ipapatsa mo bagwebing ba ba neng ba tseneletse phuthego ya monongwaga.
“Ipapatso ya rona mo phuthegong e tsamaile sentle ebile ka thelelo. Bagwebi ba ne ba tsile ka dipalo tse dintsi mme e bile re ne ra nna le sebaka sa go kopana le bone kwa bothokong le go tlhalosa mehama yotlhe ya lefatshe la rona e re eletsang ba ka nna le seabe mo go yone,” ga tlhalosa Tautona.
Tautona o tlhalositse fa bagwebi ba mafatshefatshe ba supile kgatlhego e e seng kana ka sepe go dirisanya le lefatshe la Botswana le ba le ratileng segolo jang ka fa le dirang dilo ka teng le ditsamaiso tsa lone, tsotlhe tse a reng di melediwa mathe ke ditshabatshaba.
Mo ngwageng o o fitileng lefatshe la Botswana le ne la tshegetsa phuthego e ya bagwebi e jaanong e leng mo ngwageng wa masome a mararo e ntse e tshwarwa ka maikaelelo a go gokaganya le go anya maele a tsa kgwebo mo malokong a lekgotla.
Ke maikaelelo a phuthego e ya bogwebi e e eteletsweng pele ke Corporate Council on Africa go rotloetsa bogwebi mo mafatsheng a eleng maloko go godisa itsholelo ya mafatshe le go tokafatsa matshelo a batho.
Tautona yo a ntseng a le mo loetong le le leejana kwa Amerika go batla botsalano le tirisanyo le mafatshe go fetlha mebereko le go tokafaletsa Batswana matshelo o tletse ka tsholofelo ya gore phuthego e e tlaa tlisa maduo a a tlaa dirang gore bagwebi ba thibelele mo Botswana go dira dikgwebo le go tlhama mebereko.
Le fa go ntse jalo, Tautona o kaile fa go le botlhokwa gore lefatshe la Botswana le dirisanye le mahatshe a sele le gone go gwebisanya le one gore go nne le kgolo ya itsholelo. Mo phuthegong le bagwebi, Tautona o ne a netefatsa fa lefatshe la Botswana le siame ebile go babalesegile go dira kgwebo mo go lone ka ntata ya thokgamo e e renang mo go lone.
O ne a tlhalosa gape fa a itumeletse thata katlego e lefatshe la Botswana le nnileng le yone kwa toropong ya Boston, kwa go leng sekolo sa boitsaanape le bonokopila sa Massechusetes Instute of Technology (MIT) se se dumalaneng go dirisanya le lefatshe la Botswana.
Sekolo seo, go ya ka Tautona se tlaa tlhoma kutla (Incubation) mo Botswana go rutuntsha banana ka tsa bonokopila, selo se a reng se tlaa fefosa kgolo ya itsholelo le gone go nyeletsa lehuma.
Tautona Masisi yo o dumelang thata mo itsholelong e e ikaegileng ka dikitso go na le ditswammung o ne gape a kopana le Tona-Kgolo Phillip Davis wa Bahamas kwa toropong ya New York kwa bobedi bo neng jwa nna meriti ka dikgang di le mmalwa go balelwa le ya go fetoga ga lowapi le dikgetlho tse di apereng mafatshe a mabedi.
“Ke ne ka kopa bahumi ba mahatshe gore ba tlogele go tshaba go tla ko ga rona go tlhoma madirelo. Ke ne ka kopana le ba kompone ya Cisco ba ba dumalaneng go tla go dira lefelo la thutuntsho ka tsa boranyane le ditlhaeletsanyo kwa lefatshe la Botswana go rutuntsha Batswana bogolo jang banana go dira ditlhamo tsa bone tsa boranyane.”
Kwa phuthego ya kgwebo mo toropong ya Dallas, Tautona Dr Masisi o ne a kopana kwa bothokong le moemedi wa lefatshe la Amerika kwa lekgotleng la ditshaba Mme Linda Thomas-Greenfield yo tautona a tlhalosang fa ba ne ba buisanya ka dikgwetho di le mmalwa.
A re Mme Greenfield o ne a akgola tsamaiso e e nonofileng le ledula le puso ya batho ka batho e e itshetletsemg ya lefatshe la Botswana. Le fa ba sa buwa dikgang tsa AGOA, o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le na le kgatlhego e e ntsi gore thulaganyo ya go bulela bagwebi ba tsa Textile ba Africa mmakete e atolosiwe go feta ngwaga wa 2025. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : DALLAS
Event : US-Africa business summit
Date : 09 May 2024