Breaking News

Ba Ralekgetho le Tshwaane ba abelwa dipone

01 Dec 2013

Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o abetse banni ba Ralekgetho le Tshwaane dipone tse di dirisang marang a letsatsi di le makgolo a mabedi le masome mabedi (220) bosheng.

Rre Masisi o ne a patilwe ke ba khamphani ya Kerela Samajam Botswana, ya bopelotlhomogi e e tlholegang kwa India ka ke yone e mo thusitseng ka dimpho tsa dipone tseo.  Banni ba Ralekgetho ba abetswe di le 120, fa ba Tshwaane ba abetswe di le 100.

E rile fa a abela dipone tseo, Rre Masisi o boletse fa a tsere matsapa go kopela batlhophi ba gagwe dipone tsa mohuta o o ntseng jalo kwa mafelong a a senang motlakase. 

O boletse fa a dirile jalo gore baithuti ba dikole tsa mafelo a o ba kgone gore ba bale ba phuthulogile. O boletse fa dipone tseo di dirisa marang a letsatsi, go sena ditshenyegelo dipe. A re bana ba mafelo ao ba ntse ba sa dire sentle mo dikoleng ka gore ga ba kgone go bala sentle bosigo le go dira tiro ya sekole maitsiboa.

Mabone ao gape a tlatsa megala ya lotheka molelo (cell phones). Megolokwane e ne ya lelela boatleng fa banni ba amogela dimpho tseo, ba kaya fa ba na le moemedi wa motia. Ba boletse fa ba tsile go nna le motlakase ko masimong a bone.

Ko motseng wa Tshwaane banni ba lebogetse gape gore motse wa bone go dumalanwe ke khuduthamaga ya ga tautona gore motse wa bone jaanong ke motse oo ka fa molaong.

Rre Masisi, yo gape e leng Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso o boletse fa Tautona a tsere tshwetso ya gore Tshwaane e nne motse oo tla bonang ditlhabololo fela jaaka metse e mengwe. 

O boletse fa a sireletsegile jaanong go sena go nna ba tshosediwa ke ope. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Kabo ya dipone

Date : 01 Dec 2013