Breaking News

Basimanyana ba betilwe ke metsi

28 Feb 2023

Basimanyana ba le babedi ba dingwaga tse di lesome le bobedi ba motse wa Nlapkhwane ba tlhokafetse morago ga go betwa ke metsi.

Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, mookamela mapodisi a Masunga Superintendent Raymond Gabothulwe o tlhalositse fa tiragalo eo, e diragaletse gone kwa Nlapkhwane ka Tshipi mo tshokologong fa basimanyana bao ba ne ba leka go thuma mo lekadibeng la noka ya Mulambakwena.

A re basimanyana bao, ba ba tswang kwa kgotlaneng ya Nlapkhwane, e ne e le baithuti ba lokwalo lwa borataro kwa sekoleng se sebotlana sa Nlapkhwane.

A re go bolelwa fa mongwe wa basimanyana bao a ne a tsena pele mo metsing mme bommata ba gagwe ba bona a sa bonale, ka jalo yo mongwe le ene a tsena ka maikaelelo a go ya go mo namola mme ga bo go ile fela jalo ka bone.

Supt Gabothulwe a re baswi ba ne ba na le bangwe ba le bararo ba ba neng ba ya go tsibosa batsadi ka tiragalo eo mme ga begelwa mapodisi.

O tlhalositse fa ba ne ba ragogela kwa lekadibeng ka jalo ba kgona go ntsha ditopo mo metsing ka lone letsatsi leo ka thuso ya sepodisi se se faphegileng le masole mme ba ragosediwa kwa kokelong ya Masunga kwa go neng ga tlhomamisiwa fa ba tlhokafetse.

 Ditopo di santse di le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Masunga go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

Supt Gabothulwe o supile fa e le tiragalo ya ntlha go diragala mo ngwageng ono mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya Masunga.

O gakolotse setshaba go ikela tlhoko mo metsing go itsa matlhotlhapelo a gantsi a nnang teng mo pakeng ya dipula.

Supt Gabothulwe o gwetlhile batsadi go tlhomamisa gore ba baya leitlho metsamao ya bana le go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go tshamekela mo metsing.

 A re go botlhokwa gore batsadi ba kgalemele bana kgatlhanong le go ya kwa mafelong a a kotsi. Ends

 

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : NLAPKHWANE

Event : Interview

Date : 28 Feb 2023