Lesaso o lekola dikole tsa tiro ya diatla
05 Feb 2023
Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso Rre Aubrey Lesaso a re go botlhokwa gore thuto e fetoge go tsweng mo go remeleleng mo ditlhakeng go itebaganya le ya ditiro tsa diatla.
O buile se ka Labotlhano fa a etetse sekole sa tiro ya diatla sa Serowe Brigade kwa a kgothaditseng bodiredi go dira ka natla.
A re thuto e e remeletseng thata mo ditirong tsa diatla e ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro.
O boletse fa lephata la gagwe le setse le simolotse go rutuntsha baithuti kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Moeng le Maun ka dithuto tsa temo-thuo le bojanala.
Rre Lesaso a re kwa sekoleng sa Moeng, go rutuntshiwa baithuti ba ba nang le kgatlhego mo go tsa temo-thuo, fa kwa Maun go rutuntshiwa ba ba nang le kgatlhego mo go tsa bojanala.
A re maikaelelo a phetogo e ke go thusa gore maduo a thuto a tswele lefatshe mosola gore dialogane di kgone go itlhamela dikgwebo go fokotsa letlhoko la ditiro.
“Maikaelelo a puso ke gore sengwe le sengwe se o nang le kgatlhego, lerato kgotsa talente ya sone e go rotloetse go tlhwaafalela go itlhokotsa mo go sone go nna mmantswitswidi gore mo isagong o kgone go itshedisa ka yone kitso eo,” ga tlhalosa Rre Lesaso yo ebileng ele mopalamete wa Shoshong.
A re maikaelelo a gagwe ke go etela dikole tsotlhe tsa di dikole tsa tiro ya diatla go di lekola le go utlwa matshwenyego a bone.
O boletse fa di dikole tsa tiro ya diatla di tswa kgakala mme puso ya bona gore e di tseye di nne ka fa tlase ga lephata la thuto.
A re dikole tsa tiro ya diatla di tshwanetse go inakanya le go ruta ka maranyane a segomopieno.
Mothusa tona o ne etela kwa sekoleng sese rutang ka tsa temo-thuo e ntse ele sa Serowe Brigade kwa ba ruileng dikgomo tsa mashi teng mme fitlhela seemo se sa kgatlhise, masaka a le makgasa, dikgomo di tlhakatlhakana le tsa motse, di sa tlhole di ntsha mashi sentle.
O boletse fa dikgomo tseo di ka dirisiwa thata ka fa mhameng wa kgwebo go rekisa mashi bogolo jang ka ebile go na le madirelo a mashi mo Serowe.
A re lefatshe la Botswana le santse le tlhaelelwa ke mashi thata mme go ka tswela sekole seo mosola thata fa ba ka gweba ka mashi mo letlhakoreng le lengwe ba ruta baithuti ka temo-thuo.
E ne erile gole pele motshwarelela mogokgo wa sekole seo, Rre Moses Mongwa a begela mothusa tona fa sekole se simolotse ka 1965 se ruta dithuto tsa diatla tse di tsenyang letseno.
A re ka 2011 puso e ne ya tsaya dikole tsa diatla go nna ka fa tlase ga lephata la thuto.
A re dithuto tsa diatla tse ba di rutang di ka sologela lefatshe la Botswana molemo ka go godisa itsholelo. Rre Mongwa a re ba tsaya bana ba le 400 mo dithutong ka go farologana mme barutabana ba 95 fela.
O boletse fa ba tlhaelelwa ke barutababana ga mmogo le matlo a boroko.
Rre Mongwa a re dikago tsa bone di dikgologolo thata mme ga di ise di baakangwe fa e sale puso e tsaya dikole tseo.
A re barutabana le bone gape ga ba tswelele ka ba nna fela mo maemong ale mangwe, a tlatsa ka gore le bone ba tlhoka dithuto tsa nakwana go ikgakolola.
Le fa gontse jalo mme Margret Kenosi yo e eleng leloko la lekgotla la baithuti (SRC) a bolela fa ba tlhaelelwa ke barutabana ka bokete.
A re baithuti bangwe ba dirile sentle mo dithutong tsa trade test B mme ba tshwanetse go ya go dira National Craft Certificate (NCC), mme seo se pala ka diphatlha di seo.
Mokhanselara wa kgotla ya Kgosing mo Serowe, Rre Kebakgale Kutuso o boletse fa baithuti ba fetsa kwa dikoleng tseo mme ba ye go nna kwa malwapeng, ba tsena mo mekgwatlheng basa bone ditiro.
O kopile puso go thusa dialogane gore ba ithamele dikompone tsa bone batle ba itshetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : loeto
Date : 05 Feb 2023







