Breaking News

Tshwaragano ya batsadi le barutabana e tswa maduo

30 Jan 2013

 

E  re ka Motswana a boletse gore se tshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, barutabana ba sekole se sebotlana sa Letlhakeng le batsadi, ba tshwaraganetse tema ya go ntsha maduo a a nametsang mo dithutong tsa bana.   

E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana, morutabana yo o tlogetseng tiro ka bogodi, Mme Phone Lebekwa, o tlhalositse fa a tlogetse tiro mme a sa tlogela go thusa bana  mo dithutong tsa bone mo kgaolong ya gagwe. 

O  tlhalositse fa tshwaragano ya batsadi le barutabana e dirile gore sekole se ntshe maduo a a nametsang fa go  tshwantshanngwa le ngwaga e e fetileng, e ba boneng masome a marataro mo lekgolong mme monongwaga ba okeleditse kwa go masome a marataro le botlhano. 

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba dirisa lenaneo la Young English Speakers le le rotloetsang ngwana mongwe le mongwe mo sekoleng go bua Sekgoa. Are lenaneo le, le simologile kwa dikoleng tse dingwe jaaka tsa Ngware le Thebephatshwa a tlhalosa fa baithuti ba tlaa kgona go tlhaloganya dithuto ka bontsi, ka di rutwa ka Sekgoa, kwa ntle ga sone Setswana.

Mogokgo wa sekole, Mme Sibongile Matshambane, a re kemo nokeng ya batsadi mo dithutong tsa bana, e dirile gore ba nne le phetogo mo maduong a monongwaga.

O  bile a tlhalosa fa tiego ya dibuka e kile ya batla go ama baithuti, mme tirisano ya batsadi ka go rekela bana dibuka ba sa ipone tsapa, e bile ba sa baa mo pusong fela, e thusitse fela thata.

O  tsweletse ka go tlhalosa fa go supagala fa batsadi ba Letlhakeng ba itse fa botshelo jwa bana ba bone bo le mo diatleng tsa bone, e seng mo barutabaneng jaaka ba le bantsi ba akanya.    

Mme Matshambane o boletse fa ba na le kgwetlho ya bana ba ba tswang mo sekoleng go sena mabaka, a re go tshwanetse ga nna le mogopolo wa ntebele ke go lebele, ngwana fa a sa ya sekoleng ba kgone go tshwaraganela bothata joo go se na kgothakgothano.

O bile a kopa gore komiti ya batsadi le barutabana e leke go ikopanya le dikomiti tse dingwe tsa motse jaaka tsa ditlhabololo tsa motse gore ba kgone go anywa botsipa mo bagoging ba bangwe.  

Modulasetilo wa komiti ya bagolo le barutabana Rre Morumiemang Phokoje, o ne a wetsa ka go tlhalosa fa a se kitla a a swa lentswe go ikuela ka bana ba ba sa duelelweng madi a ditlhabololo tsa sekole.

O  boletse gore batsadi ga ba dire sentle go tlhoka go duelela bana e bile go kgona go ama maduo a ngwana ka gore o nna a akantse gore barutabana ba a ba tshwenya fa ba batla madi a ditlhabololo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 30 Jan 2013