Molao-motheo o tshwanetse wa tlotlwa - Kgosi
14 Mar 2022
Molao-motheo o tshwanetse wa fiwa tlotla e e kwa godimo ke botlhe ka jaana e le letshego le lefatshe le agetsweng mo go lone.
Fa a leboga lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go etelela pele tshekatsheko ya molao-motheo fa le ne le wetsa phuthego ya lone kwa Artesia ka Mosupologo, kgosi wa motse oo Rre George Thwane o boletse fa molao-motheo e le one pinagare ya kagiso le thokgamo tse lefatshe la Botswana le itsegeng ka tsone.
Kgosi Thwane a re e re ka jaana molao-motheo e le one o o tshegeditseng bokao jwa lefatshe leno, tiro ya tshekatsheko le paakanyo ya one e tshwanetse ya dirwa ka kelelelo e e tseneletseng le manontlhotlho a a kwa godimo.
O ne ka jalo a gwetlha modulasetilo wa lekoko, moatlhodi-mogolo wa pele Rre Maruping Dibotelo le ba a dirang le bone go eteletsa Modimo pele mo tirong ya bone le go kopa botlhale mo go ene gore tiro ya bone e tle e atlege.
Fa a akgela mo go tse dingwe, Kgosi Thwane o ne a kopa gore molao o fetolwe go letla dikgosikgolo go nna tsone tse di tlhomang magosi a maemo a a kwa tlase.
A re gore dikgosi di bo di tlhongwa ke tona ga go a lebana ka jaana go ka paledisa dikgosikgolo go laola dikgosi tse di kwa tlase ka maemo ka e se bone ba tlaa bong ba ba tlhomile ka tlhamalalo.
E rile a bua ka batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang, Kgosi Thwane a tlhagisa fa nako e tsile ya gore molao o papamale ka ditshwanelo tsa batho ba motlhale oo.
Se, a re se tlaa thusa setshaba go itse gore se tshela jang le batho ba go nna jalo go itsa go tshokane ba tsoulotse ditshwanelo tsa bone ka ntlha ya bosena-kitso.
E ne e rile go le pele, monni Rre Peter Ntshabele a kgala go ratana ka bong, a re seo se kgatlhanong le molao wa Modimo ebile se tsoulola tlholego ya setho ya gore batho ba intsifale ka go tshola bana.
Fela jaaka Kgosi Thwane, monni yo mongwe Rre Olefile Masilo le ene o ne a bua kgatlhanong le go tlhongwa ga magosi mo maemong ke tona.
A re seo se thatafaletsa dikgosi tsa maemo a a kwa godimo go laola bomonnaabone.
Mo ntlheng e sele, Rre Masilo o kopile gore molao o ntshe dikgotlhang tsa banyalani kwa makgotleng a ditsheko a tsa sekgoa mme o di neele makgotla a Setswana ka tshwaragano le batsadi.
A re go thona gore e re banyalani ba kopantswe ke batsadi fa ba nyalana, e bo e re tlhalanong ya bone ba bo ba kgaoganngwa ke kgotlakgolo ya ditsheko.
Monni yo mongwe Rre Tirafalo Roberts o ikuetse mo lekokong gore molao o tsenye leitlho kgang ya thubetso mo nyalong. A re go tshwanetse ga batlisisiwa boammaaruri jwa kgang le gore fa e le teng go itsewe gore modi wa yone ke eng.
Mme Kegaisamang Machinya ene o ne a kopa gore bana ba basetsana ba gagamalediwe molao ka bangwe ba bone ba gweba ka bana.
A re go nale palo e e golang ya bana ba basetsana ba ba tsholang bana mme e re morago ba gatelele ba basimane ka tiriso molao gore ba tlhokomelele bana kwa makgotleng a ditsheko.
Mme Machinya a re mo mabakeng a le mantsi madi ao a itshetso ya bana ga a dirisediwe se se tshwanetseng, selo se a boletseng fa se sa siamela bana le borraabone. ends
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : ARTESIA
Event : Tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 14 Mar 2022








