Botho-Setso O akgotswe
24 Dec 2020
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Modise Ncube o akgotse mokgatlho wa Botho-Setso go supa lorato mo go ba bangwe.
Rre Ncube o buile jaana kwa thuto-puisanyong ya mokgatlho oo, e e neng di tshwaretswe kwa Matebeleng bosheng.
Mokgatlho wa Botho-Setso o bopilwe ke bomme ba Oodi le Matebeleng kwa Kgatleng mme maloko a one a aname lefatshe ka bophara.
E ne ya re bosheng, bomme ba mokgatlho ba bo ba phuthegile kwa kgotleng ya Matebeleng go rutwa ka kgokgontsho ya bong.
Mokhanselara Ncube o supile fa bomme ba le lorato ka mokgatlho wa bone o itebagantse le go thusa maloko ka dithulaganyo tsa phitlho ba bo ba bone go tlhokafala gore ba rutane ka kgokgontsho ya bong, e e golelang pele mo lefatsheng leno.
O supile fa dithuthuntsho tse, di nnile le mosola ka bomme ba rutilwe ka mefuta e e farologaneng ya kgokgontsho ka ba ntse ba itse ya mmele.
Rre Ncube yo gape e leng mokhanselara wa Oodi-Matebeleng a re o itumeletse mafoko a gore e re le fa kgokgontsho ka bontsi e dirwa ke banna ba kgokgontsha bomme, borre le bone ba a kgokgontshiwa mme ba tshaba go ikuela kwa mapodising ka gore ba tlaa sotlwa ke batho.
O kopile borre gore ba seka ba tshaba go ikuela fa ba kgokgontshiwa.
A re seemo sa kgokgontsho se a tshwenya, mme a kopa batsadi go ruta bana ba sa le bannye gore lorato go tewa ba tshwara bakapelo ba bone jang.
Dithuto tse, di ne di dirwa ke ba Botswana GBV Prevention and Support Centre.
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng leo, le le ikemetseng ka nosi, o kaile fa kgokgontsho e dira gore batho ba seka ba nna ba itumetse.
Mme Lorato Moalosi o boletse fa kgokgontsho e farologana, go na le ya go ketekwa mo mmeleng, ya maikutlo, go kgobotlediwa ka mafoko le ya itshetso.
O boletse fa kgokgontsho e e tlwaelesegileng e le ya go ketekwa ga mmele, e e bakang dikgobalo mo gongwe dintsho.
Kgokgontsho ya maikutlo ke ya motho a sotlwa ka go buisiwa mafoko a lenyatso kgotsa a thumolano mme ya itshetso ke fa mongwe a dirisa madi a lelwapa a le nosi, a sa rerise mokapelo wa gagwe.
Mme Moalosi o tlhalositse fa kgokgontsho e tshwanetse ya emisiwa ka bofefo, go itsa dintsho.
O boletse fa go kgotlhwa ka monwana mo phatleng e le sekai sa kgokgontsho, a tlatsa ka go re gantsi fa bomme ba ka itewa ka mpama e le nngwe, ba nna fela mme a kopa gore ba tseye kgato, ba ikuele kwa mapodising pele kgokgontsho e kekela.
A re kgokgontsho e simolola e le nnye, e le go kgotlhwa ka monwana, ga tsena dimpama mme kwa bofelelong e bake dintsho.
Fa ba latlhela tlhware legonnyana, bomme ba ne ba supa fa ba tlhaloganya kgokgontsho, mme ba kaya fa mehuta e mengwe ba ne ba sa e itse.
Ba ne ba supa fa ba ne ba sa tseye go kgotlhwa ka monwana e le kgokgontsho mme ba itlama gore ba tlaa tsaya dikgato.
Mokgatlho oo wa Botho-Setso o ne gape wa abela malwapa a le matlhano go tswa Oodi le Matebeleng dijo le diaparo.
Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Gaone Ramotshabi o ne a tlhalosa fa ba abela malwapa ao dijo le diaparo gore le bone ba tle ba keteke letsatsi la botsalo jwa morena jaaka malwapa a mangwe. Ends
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOCHUDI
Event : EVENT
Date : 24 Dec 2020







