Komiti e bolotsa letsholo
02 Dec 2020
Komiti ya COVID-19 kwa Serowe e tsweletse ka maitlamo a yone a go bona gore melawana ya botsogo e salwa morago.
Maloko a komiti e, a akaretsang mapodisi, lephata la botsogo le boitekanelo le maphata a puso ka go farologana, erile ka Mosupologo ba tsamaya mo marekisetsong go sekaseka gore a dikgwebo, dipalamo tsa setshaba le setshaba ka kakaretso ba sala melawana ee tlhomilweng.
Bangwe ba ne ba lefisiwa madi ka ba ne ba fitlhelwa ba sa rwala dibipa melemo le dinko, fa ba bangwe ba ne ba kgotlhagane.
Marekisetso mangwe le dipalamo tsa setshaba le bone ba ne ba tseelwa dikgato ka ba ne ba sa sale ditsamaiso morago jaaka go kwala maina a batho ba ba ba thusang. Mo potsolosong morago ga letsholo le, ramapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a supa fa go santse go na le bothata jwa go tlhoka go sala melawana ya COVID-19 morago, mme a re seo se a tlhobaetsa ka bolwetse jone bo tsweletse ka go anama.
A re komiti e tshwenngwa ke go sa rwaleng dibipa melemo le dinko, go kgobokana e se ka fa molaong, go sa kwaleng maina fa go tsenwa mo marekisetsong le gone go atamelana thata ga batho.
Superintendent Oteng a re ba ne ba tsene mo dikoleng go bona gore a go salwa ditsamaiso morago le go ruta setshaba ka itshireletso kgatlhanong le COVID-19.
A re go supa fa go sa salwe ditsamaiso morago ka dinako tsotlhe, a re ke ka moo erang fa ba tshwara letsholo, ba felele ba tshwara bangwe. Superintendent Oteng a re ba tlaa tswelela ka letsholo leo, mme yo o sa saleng melawana morago o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba.
O ne gape a supa matshwenyego ka bangwe ba a bolelang ba tlola molao kwa marekisetsong a dino, ka go sala fa marekisetsong a sena go tswalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Ditshekatsheko
Date : 02 Dec 2020








