Breaking News

Letshololo le tlhoka bongaka jwa sesha

02 Sep 2013

Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing o kgadile batsadi bangwe ba ba isang bana ba ba tlhasetsweng ke bolwetse jwa letshololo le letlhatso kwa dingakeng tsa setso.

Gantsi batsadi ba thanya lo le tsebeng, mme ba ba ise kwa dikokelong go setse go le maswe.

Tona Seakgosing, yo e bileng e le mopalamente wa Kweneng borwa, o buile jalo fa a ne a tshwere phuthego tsa kgotla kwa Ntlhantlhe le Molapowabojang beke e e fetileng. O boletse fa malwetse a letlhatso le letshololo a golela pele mo Botswana, e bile a bolaya bana ka bontsi.

Tona o boletse fa letshololo le enwa metsi le letswai mo mmeleng mme dingaka kwa dikokelong ba ka busetsa  dikotla tseo motlhofo thata.

O boletse fa batsadi ba beile thata mo dingakeng tsa setso, tse di ba lopang madimadi.

Tona o boletse gore fa bananyana bao ba tlhokafalela kwa dikokelong le dikokelwana, batsadi ba nyatsa puso le bodiredi  mme mathata a tsetswe ke batsadi go isa bana ba bone morago ga nako ba setse ba itlhobogile kwa dingakeng tsa setso.

Mo go tse dingwe, tona Seakgosing o boletse fa go na le malwetse mangwe a a tlhakaladitseng mme a sa thelanwe jaaka madi a matona, sukiri le kankere.

Tona o boletse fa Batswana ka bontsi ba sa itshidile mebele, ba aja mahura a mantsi le dijo tse di se nang dikotla.

O ba kopile go ja dijo tse di se nang mahura a mantsi le  merogo, go hema malwetse ao. 

Tona o ne a gakolola  Batswana go fokotsa go nwa bojalwa phetelela mo go gogelang thaelong ya go dira ditiro tse di maswe jaaka go bolaana, thubetso, bogodu le thubego ya malwapa.

A re mathata a a ntseng jalo a dira gore batho bangwe ba tshabelelwe ke malwetse a bomadi a matona le kgatelelo ya maikutlo.

Baagi ba metse e mebedi eo ba ne ba ngongorega ka seemo sa dikago tsa dikokelwana  le tlhaelo ya metsi mme ba Molapowabojang bone ba akgolela bodiredi jwa kokelo le mororo ba tlhaelelwa ke ditsompelo dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 02 Sep 2013