Breaking News

Kgosi o pega batsadi molato

21 Jan 2013

Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Rantsimane Banyatsi, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke ditsheko tsa go thubega ga malwapa mo go dirwang ke batsadi ba banyalani.

O boletse mo potsolotsong gore batsadi ba buelela bana ba bone fa ba se na kutlwisisano mo nyalong ya bone, a bo a sedimosa gore malwapa a a thubegang gantsi ke a banana ba ba dingwaga tse di fa gare, a re bontsi jwa bone bo tsena mo manyalong bo gabile dithoto.

Kgosi Banyatsi o boletse fa gongwe thubego e ya malwapa e ka dirwa ke gore bangwe ba tsena mo go yone ba le babotlana ba ise ba nne le nako ya go tshameka.

O tsweletse ka go tlhalosa fa mo nyalong ya bogologolo, bogadi bo ne bo ntshediwa go leboga batsadi ba mosadi e seng ga  segompieno mo batsadi ba tlhophelang ngwana wa bone gore a nyalwe ke ba ba itsholetseng. Kgosi Banyatsi o tsweletse ka go tlhalosa gore dintwa tsa banyalani di baka dikgotlhang mo malwapeng a a nyalelaneng.

O ne a kopa batsadi go nna batshereganyi go na le go nna balotlhanyi, a re kgalemo e e molemo mo lenyalong e bile e sa supe letlhoo.

Kgosi Banyatsi a re dikgang tse dingwe tse di sa ba robatseng ke tsa batsadi ba ba gwebang ka bana ba basetsana. O tlhalositse gore batsadi bangwe ba amogela madi mo baneng, ba sa tlhotlhomise gore a tswa kae, ka jalo seo se oketsa botlhokatsebe mo baneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 21 Jan 2013