Breaking News

Borogo bo tla fudusediwa kwa nokeng ya Makobo

21 Jan 2013

Banni ba Mathangwane ba boleletswe fa borogo jwa ditshipi jo bo neng bo tlhomilwe mo nokeng ya Nyamabisi bo tlaa fudusediwa kwa nokeng ya Makobo.

Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota bokone, Rre Fidelis Molao fa a ne a a araba matshwenyego a banni ba motse oo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano.

Rre Molao a re tiro ya go fudusa borogo e  simolotse ka go setse go gopilwe fa bo yang go tlhongwa teng. O ne a tlhalosa fa kompone e e dirang tiro eo, e santse e batla didirisiwa tse di tlaa tsholetsang ditshipi tsa borogo joo go bo isa kwa bo batlegang gone kwa nokeng ya Makobo.

O ne a rotloetsa banni go nna le mowa wa boithaopo go tlogela mokgwa wa go ikaega mo pusong, ka go dira ditiro dingwe tse ba ka di kgonang ba le morafe. Mopalamente o ne a gatelela ka gore, mokodue go tsoswa o o itekang.

A re ba tseye malebela mo banning ba kwa Semitwe ka ba ikagetse ntlo ya kokelwana ba bo ba kopa puso go ba hirela bodiredi. Banni ba ne ba tlhalosa fa ba tshwenngwa ke borukuthi jo bo golelang pele jwa go thujwa ga dikgwebo le go utswiwa ga megala ya motlakase.

Kgosi Itikeng Mathangwane  o ne a bolela fa esale ba ikuela ka borogo go kgabaganya noka ya Makobo nako kgolo ke eno le motshelakgabo mo tseleng ya Mathangwane/Mandunyane.

Mongwe wa banni, Kgosi Lowanika Mpatane o ne a kopa gore puso e fokotse bodiredi ka nako ya thulaganyo ya nyeletso lehuma, a re go dirisiwa madi a mantsi ka nako eo a ka one go ka bo go dirilweng sengwe ka one. Kgosi Mpatene o ne a dumalana le molao kakanyetso wa botsogo, a re o tla sireletsa setshaba.

Fa a tshwaela ka kgang ya borukuthi jo bo sa jeseng banni di welang, mookamela mapodisi a Tatitown, Superintendent Cyprian Magalela o ne a bolela fa banni e le bone ba ba itlhabang ka thipa mpeng ka go baya batho ba ba sa tsenang mono e se ka fa molaong mo malwapeng a bone.

O ne a ba kopa go thusana le mapodisi go lwantsha seemo seo. A re mapodisi ka nosi a ka se kgone ntle ga go thusana le morafe. Mopalamente Rre Molao o mo loetong la kgaolo ya gagwe go tsaya megopolo mo setshabeng go isa ko palamente e e tlang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2013