Breaking News

Matlhophelo a tswetse ka nako

23 Oct 2019

Matlhophelo a DC Courtroom kwa Serowe West a tswetse ka nako. Motlhophisi mogolwane rre Thato Titeo a re go tlhophile batlhophi ba le 406 ntswa 518 e ne e solofetswe go tlhopha.

Ngwatle Primary school polling station.. Matlhophelo a tswetse mme ga gonaba ba tswaletsweng kwa ntle. Mo puisanong le motlhophisi, Rre Boipuso Tsholofelo o tlhalositse fa ba butse matlhophelo ka nako ka jalo ga gone makgwere are ba kopaneng le one mo tsamaong ya letsatsi. Rre Tsholofelo a re ba ne ba solofetse batlhophi ba le 248 go latlhela ditalama tsa bone.

Ikhutseng Primary School polling station- Francistown a tswetse ka nako ya bosupa. Motlhophisi mo matlhophelong a, mo kgaolwaneng ya botlhophi ya legare mo kgaolong ya Francistown East, Mme Lucretia Nkipa a re tsotlhe di tsamaile ka thelelo. A re batlhophi ba le 468 mo go ba ba neng ba solofetswe bale 669 ba tlhophile.

Donga Catholic polling station batho ba le 325 ba tlhotse ba tlhophile mo go baba neng ba solofetswe ba le 416.

Gaborone Bonnington North, ka nako ya 7pm fa matlhophelo a tswalwa, Presiding Officer, Mme Maduo Mokotedi, ko Tlogatloga Primary School polling station o tlhalositse fa batlhophi ba feta 500 ne ba setse ba tlhophile.

E ntse e le mo Gaborone Boonington North, ko Mophane Primary School Polling Station, gone mo Tlogatloga Polling District, Presiding Officer, Mme Janet Matshane ene o tlhalositse gore fa matlhophelo a tswalwa ka 7pm batlhophi ba feta 450 ne ba setse ba tlhophile.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Ditlhopo

Date : 23 Oct 2019