Breaking News

Kgosi Radipitse o akgolelwa go ntsha bogadi jwa dikgomo

05 Mar 2019

Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o akgoletswe go sala morago ngwao ya lenyalo ya Sehurutshe.

Fa a bua kwa moletlong wa lenyalo kwa Mmmandunyane ka mafelo a beke, Kgosi Keeletse Tselawa yo e leng Kgosi ya Bakhurutshe ba Tonota e bile e le Rangwaneagwe Kgosi Radipitse a re go a itumedisa go bona kgosi a setse tsamaiso ya lenyalo morago ka go ntsha bogadi jwa dikgomo tse thataro, mo go tsone go na le e le nngwe ya metsi e e tlwaetsweng ka leina la senyadza molomo.

Kgosi Tselawa o tlhalositse fa mo malatsing ano, batho ba ntsha madi e le one bogadi mo boemong jwa dikgomo, selo se a tlhalositseng fa e se tsamaiso ya lenyalo la Setswana.

O tlhalositse fa go le maleba gore kgosi jaaka mmabatho o tshwanetse go nyala, e le sesupo sa go tsaya boikarabelo jwa tshaba e a e eteletseng pele.

Kgosi Radipitse o tsena mo nyalong le Mme Koontse Radipitse a sena go tlhongwa go tlhatlhama Rraagwe go nna kgosi wa Bakhurutse ngwagatlola.

Mo Potsolotsong morago ga moletlo, Kgosi Tselawa yo o neng a tletse boitumelo o boletse fa a itumeletse kgato e Kgosi Radipitse a e tsereng ya go nyala, a tlhalosa fa e tsisitse boitumelo mo Bakhurutsheng.

Moletlo wa go isa ngwetsi o tlaa ketekwa Mopitlo a tlhola malatsi a roba bongwe kwa kgotleng kgolo ya Tonota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bulukani Hubona

Location : MANDUNYANE

Event : Lenyalo

Date : 05 Mar 2019