Tona Molefhi o tlhaba bagwebi podimatseba
24 Jan 2019
Mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba Rre Nonofo Molefhi o kopile bagwebi ba madirelo a a rekisang nama go nna kelotlhoko fa ba reka dikgomo go itsa go gogagogana le ba molao.
Rre Molefhi o ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Botshabelo mo Selebi Phikwe bosheng fa a ne a tlhalosa fa dikotlhao tsa ba ba ka fitlhelwang ba amogetse dikgomo tsa bogodu kana dirwe dingwe tsa tsone ba ka lebaganngwa le katlholo ya dingwaga di le lesome le bobedi go na le tse di lesome jaaka go ne go ntse pele.
A re yo o tlaa tshwarwang ka leruo la bogodu le ene o tlaa atlholwa dingwaga di le lesome le bobedi.
Rre Molefhi o ne a tsibosa batsadi go nna kelotlhoko fa ba neela bana dikoloi go bona gore ga ba di dirise ka tsela e e sa siamang.
Ka molao o o tlaa bong o tsena mo tirisong wa bogodu jw leruo o tlhalositse fa sedirisiwa sengwe le sengwe se se fitlhelwang fa lefelong la tiragalo se tlaa bo se gapiwa ke ba molao.
Rre Molefhi o supile fa molao o setse o le teng mme go setse fela gore o sekasekwe ke magosi o bo o ka tsena mo tirisong.
Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa puso e tsweletse ka go tswa ka maano a a tlaa dirang gore Ipelegeng e nne tiro ya sennela ruri go fokotsa letlhoko le le kwa godimo la ditiro mo Botswana.
A re go solofetswe gore lekoko le le neng le tlhomilwe go dira ditshekatsheko tsa ka fa go ka tlhangwang mebereko ka teng le bo le ka rola pego ya lone ka Mopitlo.
Rre Molefhi o ne a araba matshwenyego a modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botshabelo Central Rre Kgololego Kabelo yo o neng a kopile mopalamente go sekaseka gore toropo ya Selebi Phikwe e ka seka ya okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng go fokotsa letlhoko la ditiro morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL.
Rre Molefhi o supile fa letlhoko la ditiro le ka se fokotsege fa bangwe ba Batswana ba ka tswelela ba sa fetole ka fa ba dirang ka teng,ka bangwe ba bone ba neelwa ditiro mme ba di fetise go di neela batswakwa ba e reng morago ba bo ba aja Batswana ntsoma ka go tlhoka go ba duela sentle.
A re dikgang tsa go nna jalo di a tshwenya ka di le dintsi kwa makgotleng a ditsheko.
Fa a tswa la gagwe, ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a lebogela mopalamente go nna a tla go kopana le morafe go ba lekodisa ka fa ba tsweletseng ka teng go tlhabolola matshelo a Batswana, mme a kopa ba ba neng ba tsene phuthego go nna le tsholofelo ya gore e tlaa re nako nngwe toropo ya Selebi Phikwe e kgone go bona bagwebi ba ba ka tlang ba araba selelo sa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jan 2019




