Ditlou di apesitse Gungwe kobo ka letshoba
23 Jan 2019
Banni ba Gungwe mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba lela ka ditlou tse ba tlhalosang fa di ba apesitse kobo ka letshoba.
Ba ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Biggie Butale kwa motseng oo bosheng.
Ba re ba tshelela mo letshogong ka ntata ya ditlou tse ba reng di saila mo tikologong ya motse.
Kgang ya letshwenyo la ditlou e ne e begilwe ke Kgosi Sunnboy Buka mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng.
Kgosi Buka o boleletse mopalamente fa ditlou tse di senya, segolobogolo mo masimong e bile gape di le diphatsa le mo matshelong a batho.
Mo go tse dingwe, Kgosi Buka o ne a gakolola morafe go tlotla pina ya setshaba, a supa fa go sa itumedise gore nako le nako morafe o bo o kopiwa go tlotla pina e mme go sena tema e e bonalang.
Le fa go ntse jalo, Kgosi o ne a lebogela morafe thitibalo e e neng e rena mo malatsing a botsalo jwa Morena le go amogela ngwaga o mosha.
Ka jalo, o ne a gwetlha banni ba Gungwe go tswelela ba supa boitshwaro joo go ya go ileng.
Mo tekodisong ya gagwe mabapi le ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Rosemary Nfanyana o ne a itsese mopalamente fa ba kgonne go dira ditlhabololo dingwe mo motseng ka madi a a abelwang dikgaolo ka lenaneo la Ipelegeng.
Mme Nfanyana o ne a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse sentle kwa Gungwe mo e bileng bontsi jwa batho ba ba neng ba ikopetse ba setse ba thusitswe.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kopa gore go okediwe matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa motse, a bo a ikuela kwa pusong go sekaseka go oketsa dikatso tsa Ipelegeng.
Mme Nfanyana o ne a supa maphata a dikitsiso le kgaso ka monwana, a re ga a ke a gatisa dikgang tse di amang motse wa bone mo pampering ya dikgang ya DailyNews le go di bega mo Botswana Television.
E rile ba akgela, banni ba Gungwe ba ne ba supa fa go na le ketsaetsego mo dithulaganyong tsa temo ya paka eno e bile dipeo jaaka mmidi di tlhaela.
Mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o ne a gakolola ba ba thusitsweng ka mananeo go netefatsa gore ba tlhokomela sepe se ba ka tswang ba thusitswe ka sone.
A re tsholofelo ke gore dithuso tsa go nna jalo di ba solegele molemo mo ba ka kgonang go itshetsa le ba malwapa a bone.
Ka kgang ya ditlou, Rre Butale o ba solofeditse fa a tlaa e lebisa ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, a bo a ba tshepisa fa a tlaa fetisetsa dikopo tsa bone tse dingwe kwa go ba ba maleba.
Fa a arabela kgang ya temo, molemisi go tswa kwa Masunga, Rre Poloko Osenotse o ne a tlhalosetsa banni gore ba phakisa dipeo morago ga go dira ditshekatsheko, go bona gore ke di fe dipeo tse di ka itsetsepelang mo kgaolong go ya ka phetogo ya loapi.
A re ke sone se peo ya mmidi e neng e se kalo, ka jaana go lemosegile fa mo seemong se dipula di leng boutsana ka teng o ka seke o kgone go itepatepanya le seemo seo fa go tshwantshanngwa le dijalo tse dingwe jaaka mabele.
Rre Osenotse o ne a gakolola banni go nna ba etela diofisi tsa bone fa go na le dingwe tse ba bonang di sa tsamae sentle go na le go emela diphuthego tsa mopalamente. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Gungwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2019




