Tsenyang letsogo mo thutong ya bana
23 Jan 2019
Banni ba Poloka ba kopilwe go nonotsha isago ya bana ka go tsenya letsogo mo go utlwalang mo thutong le kgodiso ya bone.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re batsadi ba tshwanetse go kaela bana tsela ya boammaaruri gore ba itshware ka mokgwa o o letlelesegang mo setshabeng.
O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng.
A re go lemotshega fa batsadi ba na le seabe mo boitshwarong jwa bana jo bo hapogileng.
Rre Makgalemele a re go a tshwenya go bona bana ba sa tsibogele go sutela bagolo mo ditilong tsa dipalamo tsa setshaba, ba supa fa ba na le tshwanelo ya go huba maoto ka le bone ba a bo ba duetse, selo se a reng se supa fa mekgwa le tsamaiso tsa Setswana tse di bopagnayang tshaba di nyelela.
O gateletse gore ke nako ya gore batsadi ba itshekatsheke mme ba eme ka dinao go kaela bana tsela ya boammaaruri ka go ba ruta tlotlo.
Rre Makgalemele a re batsadi ba tshwaragane le barutabana go godisa bana sentle le go ba kgothatsa go ithuta ba tiisitse.
O kopile batsadi go itlwaetsa go nna ba etela dikole kgapetsakgapetsa gore ba kgone go itse ka fa bana ba dirang ka teng.
Mme Gaongalelwe Bamookile o ne a dumelana le mafoko a ga mopalamente a re ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse ba tsaya karolo e kgolo mo kgodisong le thuto ya bana.
Mme Bamookile o supile fa e le boammaaruri gore thuto ke lesedi, a tlatsa ka go re bagolo ba ba neng ba sa itewa seatla ka bonyana ba bonye lesedi morago ga go tsena sekole ka lenaneo la thuto ga e golelwe.
Ka go twe lore lo ojwa lo sale metsi, Mme Bamookile a re o dumela gore thuto e ka thusa go godisa bana sentle.
A re go botlhokwa go batlisisa tse di kgoreletsang bana go ntsha maduo.
Rre Tapologo Boitumelo wa Poloka gape e le motsadi wa ngwana yo o tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Mokgalo o ne a itela ka seemo se se sa jeseng diwelang sa bonno jwa bana kwa sekoleng seo.
O supile gore seemo sa itshireletso se a tshwenya kwa Mokgalo ka gore bana ba robala mo matlong a a senang dipati ga mmogo le digalase tsa matlhabaphefo.
O supile botlhokwa jwa go aga sekole se segolwane mo kgaolong ya bone gore bana ba kgone go nna gaufi le batsadi, a tlatsa ka go re seemo seo se tlaa fa batsadi sebaka sa go nna le seabe se se nonofileng mo thutong ya bana.
A re seemo sa mo nakong eno se na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a baithuti.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka, Rre Kgokonyane Kgokonyane o supile fa e le boammaruri maduo a bana a sa itumedise.
Rre Kgokonyane a re batsadi ba e santseng e le banana ba maoto a tshupa go tsenelela dikgang tsa thuto tse di amang bana ba bone.
O supile gape gore sekole se tlhaelelwa ke bodiredi.
A re bana bangwe fa ba filwe tiro ya sekole go e direla kwa malwapeng ba boa ba sa dira sepe, ka jalo seo se papamatse fa batsadi ba sena seabe.
O supile fa batsadi bangwe ba sa dumalane le gore bana ba ba sa direng sentle ba ka boelela mophato, ntswa e le tsela nngwe ya go suga ngwana gore a kgone go tlhaloganya se a se rutwang.
Morago ga go reetsa dikakgelo tsa morafe, Rre Makgalemele o kopile batsadi go ititaya ka thupana le go dirisana sentle le bogogi jwa sekole ka e le bone ba itseng se se siametseng bana.
O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba ganang gore bana ba boelele mophato fa maduo a bone a sa kgotsofatse.
A re ba lomeletsa bana ba bone sebaka sa go ka dira sentle mo thutong.
A re go boeletsa ngwana mophato ga go dirwe ka maikaelelo ape a go mo sotla kana go mo tlontlolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2019




