Molaodi o kgothatsa dikomiti tsa ditlhabololo go ithuta ka mananeo
22 Jan 2019
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Charles Modise o kgothaditse maloko a dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse go nna le kitso ka se se mo mananeong a ditlhabololo tsa metse ya bone.
Rre Modise o buile jaana kwa phuthego e maikaelelo magolo a yone e neng e le go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e mo kgaolo ya Legare.
Phuthego e gape e ne e le go tsaya megopolo le go itsaya motlhala ka tse di dumalanweng gore di tlaa dirwa.
Fa ba akgela, baemedi ba dikomiti ba supile fa letlhoko la ditsela, matlo a boroko a badirela puso le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa dikoloeng e le dingwe tsa dilo tse di tshwanetseng go potlakelwa.
Molaodi o tlhalositse fa ba bone go le maleba go dira tshekatsheko e ka go ba thusitse go lemoga tse di botlhokwa kwa metseng ya bone.
O rotloeditse banni go nna le seabe mo go netefatseng gore ditlhabololo di a goroga kwa metseng.
O ba kopile gape go phatlhalatsa molaetsa kwa banning ba metse ya bone mabapi le ditiro tsa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Odireleng Setimela
Location : Paje
Event : Phuthego
Date : 22 Jan 2019




