Breaking News

Mopalamente o kopa tomagano ya dikomiti bogogi

22 Jan 2019

Mopalamente wa Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile dikomiti gammogo le bogogi jwa metse go tshwaraganela ditlhabololo tsa metse 

Mopalamente o buile jalo fa a buisa dikomiti tseo kwa Khwee bosheng, a supa gore nako e ke ya go sekaseka mananeo a ditlhbololo NDP11 le DDP5 go bona gore ke a fe a a kgonagetseng le gore ba ka  fetola fa kae ba lebile letlhoko.

Rre Lelatisitswe  a re go botlhokwa gore ba tshwaraganele tiro e ka e le bone ba itseng matlhoki a bone. 

O ba gwetlhile  gore fa ba tlhophe mananeo ba dira ditshekatsheko tse di tseneletseng gore ba seka ba tlhogela letlhoko legolo la motse.

O bile a  rotloetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse gore e dirise madi a yone go dira tse dingwe tse ditshesanyane, a tlhalosa gore tiro ya madi ao ke go dira ditlhabololo tsa motse. 

Rre Lelatisitswe a re  fa ba dira tse tsotlhe tsa ditlhabololo ba rerise morafe pele.

E rile a rolela mopalamente matshwenyego a bone, modulasitilo wa komiti kgolo ya motse (Village Extension Team) yo gape e leng mogokgo wa sekole se sebotlana  sa Khwee Mme Maureen Morwe a supa fa selelo segolo sa bone e le tsela, letlhoko la dikoloi tsa puso gammogo le tsa sectshaba.

Mme Morwe o boletse fa letlhoko le lengwe la bone e le motlakase o a reng o kgoreletsa  tiro.

A re ba dirisa jenereitara e e tshabelelwang ke go senyega le go felelwa ke lookwane.

A re seemo se se maswe ka jaana bana ba nna mo fifing kwa matlong a borobalo le baapei ba tshwanelwa ke go apaya makuku.

Mme Morwe o ne a tlhalosa fa ba itlhaelwa ke diofisi tsa mapodisi, mogala le badiri ka jaana mapodisi ba le babedi fela, a tlatsa ka go re ga ba na lepodisi la maemo a magolwane .

A re kokelwana e tlhoka ntlwana ya pelegelo a tlatsa ka go re ga gona matlo a badirelapuso.

A re bangwe ba  dirisa matlo a sekole ntswa le one a sa lekane.  

Modulasitilo wa komiti ya tlhabololo tsa motse wa Khwee Rre Meshack  Tseleng o ne a supa fa mananeo a Ipelegeng a tsweletse sentle, sediba se siame, kago ya ntlo ya LA2 e weditswe.

Rre Tseleng o boletse fa mananeo a banana  a madirelo a borotho le  ba ba rokang a tsweletse sentle  e bile  ba ne ba filwe madinyana  gore ba ithuse kwa malwapeng.

A re mananeo a banana a YDF a tsweletse sentle,  a tlhalosa gore le le lengwe ke lone le le phutlhameng.

O ne a ngongorega ka go re batho  ba ba kopileng mananeo a nyeletso lehuma ba sale ba letile.

O boletse gape gore ba kolotwa P1 945 e le madi a dituelo tsa matlo a VDC  a batho ba ba tsamaileng le a ba ba leng teng e leng P2 120. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Khwee

Event : Phuthego

Date : 22 Jan 2019