Breaking News

Banni ba Kgari ba lebogela go rotha ga ditlhabololo

22 Jan 2019

 Banni ba Kgari ba lebogetse mopalamente wa Tati Bophirima yo gape e leng mothusa tona wa botsogo le boitekanelo, Rre Biggie Butale ditlhabololo tse di tsileng morago ga go itela.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Kgari, Rre Thomas Chabalala, o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe bosheng fa ba kgonne go aga ntlo ka madi a a abetsweng dikgaolwana. 

Rre Chabalala a re ba santse ba lela ka letlhoko la boroko, segolo thata ntlo ya mooki ka e e leng teng e se mo seemong se se itumedisang.

O kopile gore Kgari a thusiwe ka koloi e e ka ba tseelang balwetse le melemo, a re mo bogompienong, ba thusiwa ke koloi ya kokelo ya Ramokgwebana kana Moroka.

A re se se ba baya ka fa mosing ka balwetse ga ba bone thuso ka nako.

Rre Chabalala o kopile gore motse oo, o agelwe ntlwana e e ka dirisiwang jaaka motlobo wa dibuka, a kaya fa maduo a baithuti ba lokwalo lwa bosupa a 2018 a tokafetse e le 71.5 per cent fa go tshwantshanngwa le 62 per cent ka 2017.

A re ba ikemiseditse go ema bana nokeng go bona gore maduo a tswelela ka go tokafala.

Le fa go ntse jalo, Rre Chabalala a re go santse go na le dilo dingwe tse di fatlhang mo motseng jaaka bogodu jwa motlhaba jo bo ileng magoletsa. 

A re go supagala fa go na le bangwe ba ba tsayang motlhaba ba sena diteseletso.

Botlhoka tsebe jo a re bo busetsa motse kwa morago ka motlhaba oo, o ka bo o tsenyetsa banni letseno.

Rre Chabalala o ne gape a ikuela ka go tlhoka tirisanyo ga bone le koporase ya metsi mo e bileng ba dikile ba sokotse.

A re Sedimonthole o ne a le maswe go feta ka go ne go omeletse go sena le fa e le thothi e e rothang mo dipompong mme go se ope yo o ba rerisang ka se se diragalang.

A re fela jaaka ba koporase ya motlakase, ba koporase ya metsi le bone ba tshwanetse go ba itsese ka kgaogo ya metsi ga mmogo le lobaka lo e tlaa diragalang ka lone gore ba ipaakanye. 

Mogolwane go tswa kwa koporaseng ya metsi, Rre Mogapi Tau o tlhalositse fa ba abetswe madi go baakanya dipompo le tse dingwe tse di kgoreletsang metsi go goroga kwa go bone a bo a ikopa maitshwarelo ka seemo se se diragetseng.

A re dingwe dipompo di ne di thibile, di sa kgone go fetisa metsi. 

Rre Butale o tlhaloseditse banni ka melao-kakanyetso e e fetisitsweng kwa palamenteng segolo jang wa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo ka ebile e le selelo kwa motseng wa bone.

Rre Butale o rotloeditsa banni go ikwadisetsa mokgatlho wa poloko go ba imolola morwalo ka nako ya fa ba tlhokafaletswe.

O ne a supa fa a tlaa isa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Kgari

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2019