Ngaka o tlhalosa kgobalo ya monyetsane
22 Jan 2019
Kgobalo ya monyetsane e tlwaelesegile thata fa motho a amegile mo kotsing e tshwana le ya koloi kgotsa kotsi epe fela e e masisi.
Se se boletswe ke ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Riverside Private Hospital kwa Francistown, Dr Ishmael Mudari mo potsolotsong le BOPA.
Dr Mudari o tlhalositse fa monyetsane e le karolo e e laolang go tsamaya ga melaetsa fa gare ga mmele le boboko mme ebile ditshikanyana tse di tsamaisang melaetsa go tswa kwa bobokong go ya kwa mmeleng le go boa di tshwaragane le monyetsane.
A boletse fa go na le mefuta e le mebedi ya kgobalo ya monyetsane, e leng kgobalo ya molala e e diragalang fa monyetsane o amegile ka fa morago ga molala, mme yo o amegileng a nne le bothata jwa go hema, go ijesa, go ithoma, go tsamaisa maoto le tse dingwe.
Dr Mudari a re mofuta wa bobedi ke kgobalo mo magetleng, selo se a reng se ama go dira ga mafatlha le maoto, go palelwa ke go laola motlhapo le go ithoma.
A re kgobalo ya monyetsane e ka baka bogole jwa sennela ruri mme se se ame botshelo jwa yo o gobetseng ka a ka palelwa ke go itirela ditiro tsa letsatsi le letsatsi jaaka go tsamaya, go ijesa, go itlhapisa le tse dingwe.
A re godimo ga moo, kgobalo ya monyetsane e ka baka ditlamorago di tshwana le dintho tse di dirwang ke go babalelwa ke go nna kana go robalela ruri ka motho a sa kgone go iphetsola, ga mmogo le malwetse a mafatlha le a setlha mme se, se bake loso.
Dr Mudari o tlhalositse fa dikotsi tsa tsela e le tsone tshoso e rweleng mo go bakeng dikgobalo tsa monyetsane.
A re dilo tse dingwe tse di bakang kgobalo ya monyetsane ke go wa mo dilong tse di kwa godimo jaaka dipale, ditlhare, metshameko, go tlhajwa ka dilo tse di bogale le malwetse a a tshwanang le kgotlholo e tona le kankere a a amang monyetsane.
O kaile fa kgobalo ya monyetsane e ka thibelwa ka go hema dikotsi tsa tsela ka go sala morago melawana yotlhe ya ipabalelo tseleng go balelwa le go dirisa lebante la itshireletso ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng le go pega bana mo setilong sa itshireletso.
A re gape go botlhokwa go dirisa mabante a itshireletso nako le nako fa motho a palama dilo tse di kwa godimo.
Dr Mudari o kaile fa batho ba ba gobetseng ba tshwanetse go tshwarwa ke baitseanape ba ba rutetsweng tiro eo kana fa go sa kgonegeng teng, ba tshwarwe ka matsetseleko ba bo ba bewe sentle go fitlhelela ba bona thuso ya bongaka.
O tlhalositse fa kgobalo ya monyetsane e sena kalafi mme ba ba gobetseng ba ka tlamelwa ke ba bongaka go fokotsa manokonoko a a lerilweng ke kgobalo jaaka go ba ruta gore ba itlhokomele jang mo seemong se ba leng mo go sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Festus Outule
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 22 Jan 2019




