Breaking News

Tlhaelo ya didirisiwa sekgoreletsi

20 Jan 2019

Tlhaelo ya didirisiwa kwa dikoleng ke nngwe ya tse di bakang go wela tlase ga maduo a baithuti.

Se se builwe kwa bokopanong jwa bagokgo ba dikole tsa Selebi Phikwe le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi bosheng.

Rre Molefhi o tlhalositse botlhokwa jwa go kopana ngwaga o simologa, go sekaseka se ba se dirileng sentle le tse di tshwanetseng go dirwa go tokafatsa thuto.

A re matshwenyego a Selebi Phikwe ga a a tshwanela go itlhokomolosiwa ka a ka felela a dira gore dikole tse di ntseng di dira sentle le tsone di wele tlase.

Rre Molefhi a re go tswalwa ga moepo wa BCL go kgoreleditse matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka batsadi ba tshwanelwa ke go ya go batla ditiro kwa mafelong a mangwe.

A re bangwe ba ne ba patelesega go tlogela bana ba le nosi kgotsa le masika mo go feletseng go baka tlhoka tlhokomelo.

O supile fa dipalo tsa boimana jwa banana di ne tsa gola fa bangwe ba ne ba simolola go tlhoka go tsena sekole sentle.

Rre Molefhi a re o kile a etela dikole tsa Selebi Phikwe mme go ne ga lemotshega fa barutabana ba lebanwe ke kgwetlho ya bana ba go lebegang ba sa je sentle.

A re se se feletsa se tlama barutabana go dirisa madi a bone go rekela bana dijo.

Bagokgo ba supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba fudusiwang mo dikoleng ntateng ya go fuduga ga batsadi go ya magaeng.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Reuben Mpabanga, Mme Georginah Sethore o supile fa ka 2018 ba ne ba na le matlo a borutelo a bana ba ba kwa tlase a le mararo mme mo nakong ya gompieno ba kwadisitse bana ba ba lekaneng ntlo ya borutelo e le nngwe.

A re se, se ba tsenya letshogo la gore e tlaa re dikgwedi di ntse di tsamaya ba bo ba itshaletse fela go sena bana mo sekoleng fa seemo se ka seka sa tokafala.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Selebi Phikwe senior, Rre Abraham Senabye le ene o supile fa a setse a tsamaetswe ke bana ba mophato wa botlhano ba fera bobedi ka mabaka a a setseng a supilwe.

Mogolwane wa thuto kwa Selebi Phikwe, Rre Elisha Masedi a re ba tswa kgakala ka selelo sa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mme go tsaya lobaka gore ba arajwe.

A re tsholofelo ya bone ke gore ditilo le ditafole tsa bana ba dikole di nne di rekwa morago ga dingwaga tse tlhaano.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 20 Jan 2019