Breaking News

Mopalamente Butale o lekola banni

20 Jan 2019

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o sa tswa go simolola loeto lwa go lekola banni ba kgaolo ya gagwe.

O tlaa bo a ba lekodisa ka dikgang tsa palamente ya bofelo ya ngogola.  

E ne ya re kgwedi eno e le lesome le botlhano Rre Butale a bo a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa Jackalas No1, Ramokgwebana le Moroka, kwa a neng a lekodisa banni ka melao mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng, jaaka o o fetolang Botswana Building Society go nna banka e e feletseng.

A re go a itumedisa ka jaana banka eo e tlaa bo e le yone ya ntlha ya beng gae.

A re go botlhokwa gore Batswana ba e eme nokeng ka go e dirisa ntle le go oshaosha, gore e kgone go itsetsepela go ya go ileng.

Mopalamente Butale, yo gape e leng mothusa tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, o ne a tlhalosa fa go fetisitswe molao o o itebagantseng le dikatlholo tsa bogodu jwa leruo, a supa fa o oketsa dikatlholo ka maikaelelo a go leka go fedisa bogodu joo mo lefatsheng leno.

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a tshephisa banni fa a tsweletse ka dithulaganyo tsa go diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go agela dikole tsa kgaolo ya gagwe matlo a borutelo jwa dikhomputara, a bo a ba itsese fa a tlaa tswelela a lwa ka gotlhe go tlhomamisa gore matshwenyego a bone a bona tharabololo.

O ba tlhaloseditse fa ditlhabololo tse ba di eleditseng mo metseng ya bone di ka seke tsa dirwa tsotlhe nako e le nngwe, ka jaana madi a letlole la puso a se kalokalo mme a fekeediwa ke palo ya dikeletso tsa Batswana. 

Fa a araba kgang e go neng go lebega e tshwentse banni ba metse eo thata, segolo jang ba Jackalas No1, ya tlhaelo ya metsi, mopalamente Butale o ne a bolela fa puso e le mo dithulaganyong tsa go tlhabolola mafaratlhatlha a phatlalatso ya metsi go leka go rarabolola bothata jo.

A re go lemosegile fa jaanong mealo ya bogologolo e sa kgone go itepatepanya le bokete jwa phatalatso ya metsi go tswa mo matamong, ka moo a tlhokana le go baakanngwa go tila go thubega ga diphaephe.

Ka go twe ngwana yoo sa leleng o swela tharing, banni ba ne ba itekodisa mopalamente ka tse di ba tshwentseng, ba supa fa ba tshwenyegile thata ke go bo ba nna ba solofediwa fa ditlhabololo dingwe tse ba di kopileng di tlaa dirwa mme go bo go sa tswe tema epe.

Sengwe se se sa jeseng banni ba Jackalas No1, Ramokgwebana le Moroka di welang ke tlhaelo ya melemo mo dikokelong, selo se ba boletseng se sa ema matshelo a batho sentle.

Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ramokgwebana, Rre Jaha Chakalisa o ne a supa fa ba sa bolo go ikuela ka dilo di le mmalwa, tse di akaretsang go tlhatlosiwa ga kokelo ya bone go nna le lekalana la pelegi.

Monni wa Jackalas No.1 Rre Eric Modo o ne a kopa puso go sekaseka go oketsa madi a bagodi go tswa kwa go P430 go nna P1 000, le gore dingwaga tsa batho ba ba amogelang madi ao di simolole ka masome a marataro go na le masome a marataro le botlhano. 

Mme Daisy Mdluli o ne a gwetlha lephata la botsogo le boitekanelo go rutuntsha bodiredi jwa dikokelo  gore mongwe le mongwe a itse maikarabelo a gagwe.

Mme Mdluli a re go a fatlha gore e re fa molwetse a ile go itekodisa kwa kokelong, a bo a sa fiwe tlotlo e e mo tshwanetseng.

O supile fa bodiredi jo bongwe jo bo direlang mo dikokelong bo na le mokgwa wa go itshunya nko mo ditirong tse di sa ba lebanang, mo balwetse ba felelang ba ketefalelwa ke go itekodisa ba phuthulogile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 1

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2019