Breaking News

Malope o bulela ditsheko manyalo

20 Jan 2019

Kgosi Malope II wa Bangwaketse o rebotse morafe wa gagwe go tswelela ba tsamaisa ditsheko tsa tetlanyo le manyalo morago ga go tswalelwa go iwa malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha ka Morule ngogola.

Fa a bua kwa lebatleng le a neng a le biditse bosheng, Kgosi Malope II o ne a re morafe o ngongoregile ka dipatlo tse di tshwarwang  morago ga go supa dikgomo mo kgotleng. 

A re morafe o ngongoregile gore fa ba sena go supa dikgomo mo kgosing ba patelesega go batla mme ka nako eo go a bo go setse go le motshegare, gape go le letsatsi.

O boleletse morafe gore ga go patelesege gore fa dikgomo di sena go supiwa mo kgotleng, go fete go batlwe, a re se se botlhokwa ke go kwadisa dikgomo kwa kgotleng.

Fa a akgwa kgosi dikgaba, Mme Boeletse Serame a re fa a tlhalefa  patlo e ne e dirwa mo tshokologong go ya kwa maitseboeng.

E re dikgang di eme jalo, Kgosi Malope II o supile matshwenyego ka diphitlho tse di diegang mo lwapeng. 

O kopile morafe go fokotsa dibui gore ba kgone go somarela nako, a tlatsa ka go re batho ba tshaba go ba fitlha ba re kwa Kanye go tlholwa mo phitlhong.

O ba gakolotse go dirisa letsatsi la segopotso sa moswi go letla dibui go bua ka motho yo ba tshidileng le ene go hema gore ka tsatsi la phitlho tiro e bo e le ntsi.

Mo pegong e nngwe, Kgosi Malope II a re mapodisi ba mo lekodisitse gore seemo se ne se iketlile mo malatsing a boitapoloso. 

Le fa go ntse jalo, a re o tshwentswe ke bogodu le dipolao tse di sa tlwaelesegang mo Kanye.

O ne a kopa batsadi go kgalemela bana. 

E re ka morafe o ikuetse gore moretlwa o lele mo baneng ba ba senang tsebe, Kgosi Malope II o tlhalositse fa le bone e le magosi ba eletsa jalo mme melao ga e letlelele thupa ya mokwatla.

Fa a tswa la gagwe, kgosana yoora Morupi kwa Ntsweng Rre Mpho Kenosi o supile matshwenyego ka kgang ya gore fa mosadi a sa nyalwa bana ba gagwe ba mo ntshetse bogadi. 

A re golo moo go tsile go felela go tsosa dikgotlhang, ka jalo a kopa kgosi gore ntlha e ba e tsenye leitlho.

Kgosi wa Mmathethe Rre Daniel Mathiba ene a re kgang ya gore ditlogolo di ithekolole e goroga bosheng fela jaana, mme e bile e tshwanetse ya tsibogelwa.

A re o itse gore ngwana o ntshediwa bogadi ke rraagwe a mo tsaya fa a sa nyala mmaagwe.

Mothusa kgosi, Rre Kebapetse Telekelo a re lefoko le la go ithekolola le tla gompieno, a re bogologolo ba ne ba itse gore bana ba apesa mmaabo tjale, ba dira jalo ba latlheletse bomalomaagwe sengwe, mme e seng bogadi gore e re fa go tshwerwe ditiro, maabo a seka a kgaphelwa ntle.

Fa ba akgwa kgosikgolo dikgaba mo ntlheng ya borukutlhi, batsadi ba ne ba supa matshwenyego a go re ditagi  tse di rekisiwa ke bone batsadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoyaone Mothibi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2019