MasukwanePole ba kopa tekodiso ka tsela metsi
20 Jan 2019
Banni ba Pole le Masukwane mo Bokone Botlhaba ba ikuetse kwa mopalamenteng wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale gore ga ba bolo go letela tekodiso ka tsela e e gokaganyang Tshesebe, Mosojane le Masunga, segolo jang morago ga go gogela morago rakonteraka yo o neng a filwe tiro eo.
Ba re tsela eo e ka bo e ba tlhofofaletsa mosepele ga mmogo le go ba tlhamela ditiro. Ba re morago ga go gogela rakonteraka morago, ga gona ope yo o kileng a tla go ba lekodisa ka seemo.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane, a kopa Rre Butale go ikgolaganya le ba ba maleba ka seemo sa tsela eo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o ne a lela ka tshenyo ya ditlou kwa masimong. A re ditlou tseo di dikile gape di senyeditse balemi bangwe thobo, a tlatsa ka go re go makgetho a le mmalwa ba ikuela kwa lephateng la diphologolo mme go se ope yo o ba tswang thuso.
A re ngogola balemi ba ne ba felela ba ipaakanyetsa masimo bangwe ba lema sesha morago ga go leta dithuso ka lobaka go tswa kwa lephateng leo.
Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masukwane, Mme Pauline Monyamane le ene o ne a nankola matshwenyego a ba kopanang nao kwa sekoleng, a akaretsang letlhoko la dijo, tlhaelo ya dikwalo tse di balwang ga mmogo le koloi e e ba tseelang bana ba ba nang le bogole go tswa mo Masukwane go ya kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Moroka.
A re ba itumeletse maduo a lokwalo lwa bosupa ka a supa fa tiro ba e dira, mme a supa fa ngwana yo o nang le bogole a ne a seka a dira bontle ntateng ya gore o ne a tlhoka koloi e e mo isang sekoleng kwa Moroka.
A re baithuti ba le batlhano ba tsere A, ba le bararo ba tsereng B, ba le barataro C.
Kwa Pole Kgosi Clinic Ketlogetswe le ene o ne a kopa mopalamente go ba kopela tekodiso ka seemo sa tsela, a tlatsa ka go re paka ya dipula e tloga e ba fitlhela, mme bana ba palelwe le ke go ya dikoleng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Bonolo Eric o ne a kopa mopalamente go ba tswa thuso ka seemo sa kokelwana, a tlhalosa fa se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di ka na.
A re pula e dikile e kolobeditse dipampiri tsa booki.
Rre Butale o ne a ba tshepisa go sala morago kgang ya tsela, a tlatsa ka go re ba lephata la ditsela ba ne ba lekodisa khansele ya Bokone Botlhaba ka seemo sa tsela ya Tshesebe mme go solofetswe fa metse e e amegang e tlaa lekodisiwa.
O ne a ba itsese fa palamente e fetisitse molao-kakanyetso wa dikatso tsa ba ba tlaa angwang ke diphologolo kwa masimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Pole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2019




