Breaking News

Go tsaya diritibatsi go a boloka

20 Jan 2019

Ba botsogo ba tshwenyegile ka balwetse ba ba tlogelang kalafi ya diritibatsi tsa HIV.

Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa tsa melemo Mme Barati Mogomotsi o ne a re ba itemogela palo e e golang letsatsi le letsatsi ya balwetse ba ba itlogedisang diritabatsi mme seo se busetsa maiteko a puso a go fokotsa dintsho tse di ka bakwang ke mogare wa HIV kwa morago.

Mme Mogomotsi a re e le ba botsogo ba itemogetse mabaka a le mmalwa a a ka tswang a dira gore balwetse ba felele ba tlogela kalafi jaaka tumelo ka Batswana bangwe ba dumela gore thapelo e le yosi e ka fodisa mogare ntswa ba bongaka ba supile fa mogare wa HIV o sena kalafi.

A re mabaka a mangwe e ka nna kgetlhololo, segolo bogolo bana ba ba tshotsweng ba na le mogare ka fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane ba simolola go itlogedisa kalafi ba tshaba go itlhalosa mo balekaneng ba bone gore ba nwa diritibatsi.

Mme Mogomotsi a re ba lemoga gore molwetse o itlogedisitse diribatsi fa masole a mmele a sa tsholotsege. 

O ne a supa gore ba bereka ka natla go berekisana le balwetse ba ba tlogelang dipilisi ka go ba isa tshidilong maikutlo e le tsela nngwe ya go leka go ba bontsha mosola wa go tsaya maikarabelo ka matshelo a bone.

O kopile setshaba go ikatumetsa fa go ba bongaka fa diribatsi di sa ba tsee sentle e le tsela nngwe ya go fokotsa go di latlha ka go le borai ka bana ba ka felela ba di sela ba di ja mme go bee matshelo a bone mo diphatseng.

Mme Mogomotsi a re puso e tshwaragane le namane e tona ya tiro le batsaya karolo ka ba setse ba simolotse lenaneo la go tlhatlhobela mogare mo malapeng mme seo Batswana ba se amogetse mme e bile  se thusa puso go itse dipalo tsa batho tse di tlaa tlhokang thuso ya diritibatsi.

A re e le ba botsogo ba itumelela kgato e e tsewang ke Batswana ya go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone ka kanamo ya mogare mo kgaolong ya Selebi Phikwe e wela tlase ga mmogo le palo ya masea a tsholwang a na le mogare palo ya one e ile kwa tlase fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 20 Jan 2019