Go tlhoka kgosi go ama ditiro tsa komiti
17 Jan 2019
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Ditladi a re go tlhoka kgosi go diga seriti sa motse ebile go ama ditirelo tsa komiti ya motse oo.
Rre Keobapotse Modise o ne a bua mo potsolotsong bosheng.
A re fa e sa le go wela ga go busa ga ga Mme Gaobodiwe Gabanamotse yo o neng a tshwareletse bogosi ka 2017, seemo sa ditlhabololo ga se jese diwelang.
“Go na le mekwalo mengwe ee tlhokang kgosi go e baya monwana, mme tiro eo e felela e dirwa ke kgosana. Mme kwa pele re palelwe ke go thusiwa lebaka e le gore go batla monwana wa ga kgosi eseng kgosana,” a tlhalosa.
Rre Modise o ne a tlhalosa fa ditirelo tse di akaretsang tsamaiso ya ditsheko di tlhoka kgosi, ka jalo ba patelesega go kopa dikgosi go tswa kwa ntle go tla go tsamaisa ditsheko.
A re seemo se se dira gore dikgang di tsee nako e e telele go rarabololwa ka jaana dikgosi tse di kopiwang di a bo di tshwerwe ke tiro kwa dikgotleng tsa bone.
E re ka Setswana se re naga e senang khudutlou bo lobeto ba ipha naga, Rre Modise a re bo seong jwa kgosi bo rotloetsa botlhoka tsebe mo motseng, bogolo jang bogodu jwa leruo.
O ne a tlhalosa gore motse o senang kgosi ga o ke o robalelwa ke ditlhokwa ka jalo ba eletsa gore ba ba maleba ba potlakele go rarabolola kgang ya bogosi jwa Ditladi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bulukani Hubona
Location : DITLADI
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2019




