Go loga dibaga go tshetsa Masire
17 Jan 2019
Mme Lesego Masire, yo o dingwaga di masome mararo le bosupa, ke mongwe wa bomme ba ba tshegeditseng ngwao ya go loga dibaga, makgabe le malengana.
Mme Masire a re morago ga go lemoga fa ngwao ya go loga dibaga e nyelela, o ne a nna le kgatlhego go e tsosolosa.
O tlhalositse fa a ne a nna le lerato mo dibageng ka nako e a neng a tsena sekolo ka bane ba tshameka ka tsone mme ba dira dilo tse di farologaneng.
O boletse mo potsolosong fa a simolotse kgwebo ya dibaga ka ngwaga wa 2015 ka nako e Botswana a neng a ipaakanyetsa go ipelela dingwaga tse masome matlhano.
Mme Masire a re ka nako eo, dibaga di ne di rekwa thata ka batho ba ne ba ipaakanyetsa go kgabela boipuso joo.
A re mo nakong ya gompieno, dibaga di dirisiwa thata e le mokgabisa mo diaparong le manyena.
A re bogologolo dibaga di ne di fiwa tlotlo ebile di na le seriti ka e ne e le mokgabo o motona.
Mme Masire a re go dira dibaga go tlhoka bopelotelele le lerato ka jalo o di dira ka natla gore a a tle a dire selo se se kgatlhang moreki.
A re mo nakong ya gompieno, kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle ka a bona dipoelo tse di nametsang ebile a kgona go ipolokela sengwe.
Le fa gontse jalo, a re o lebanwe ke dikgwetlho tse di akaretsang go latela dibaga dingwe kwa Aferika Borwa.
A re kgwetlho e nngwe ke gore phadisanyo e kwa godimo ka ba di dira ba le bantsi.
A re keletso ya gagwe ke go ruta ba ba eletsang go dira makgabe gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2019




