Breaking News

Seoke o tlaa bolokwa kwa Mochudi ka moso

17 Jan 2019

Mongwe wa baruti ba ntlha ba kereke ya Dutch Reformed Church kwa kgaolong ya Kgatleng, Moruti Joseph Seoke, o tlaa bolokwa kwa Mochudi ka moso (Matlhatso).

Moemdi wa lelwapa, Rre Seoke Seoke, a re moruti o diretse Bakgatla mo tumelong ka lebaka le le leele, bogolo jang ka a ne a dumela gore tumelo ga se motshameko.

A re rangwaneagwe o ne a segofala thata ka a ne a nna le sebaka sa go tsena sekolo, bogolo jang ka rraagwe a ne a dumela gore ene o tshwanetse go ya sekolong.

Rre Seoke  a re Moruti Seoke o tshotswe ka ngwaga wa 1932 e le ngwana wa bone mo lwapeng la bana ba supa.

A re batsadi ba gagwe, Rre Radikhu Seoke le Mme Mmatau Seoke ba ne ba segofaditswe ka bana ba le supa, basimane ba le barataro le mosetsana a le mongwe. O ne a tlatsa ka gore Moruti Seoke ke mongwe wa bana ba ba neng ba nna le lesego la go tsena sekolo.

Rre Seoke a re moswi o ne a ya go dira dithuto tsa gagwe tsa boruti kwa Aferika Borwa mme a di tsweledisa gape ka dingwaga tsa bo 1960-1963.

A re e ne ya re a sena go wetsa dithuto tsa boruti a bo a boela gae mme ka ngwaga wa 1964 a simolola tiro ya boruti kwa Mochudi.

Ka ngwaga wa 1972, Moruti Seoke o ne a fudugela kwa phuthegong ya Sikwane, mme a e etelela pele go fitlhela a boela gape kwa Mochudi ka 1977.

Rre Seoke a re moruti o diretse makgotlana a le mantsi mo lefatsheng la Botswana go akarediwa la Botswana Christian Council, Kgolagano College, Mochudi Ministers Fraternal le a mangwe.

A re e ne ya re ka ngwaga wa 1979, a nna modulasetilo wa komiti e kgolo ya kereke mme e le tiro e a neng a e dira ka botswapelo.

Rre Seoke a re Moruti Seoke o ne a direla komiti ya khansele e e fang diteseletso tsa go gweba, e bile gape e ne e le modulasetilo wa kokelo ya Deborah Retief Memorial.  

A re e re le ntswa a ne a tlogela boruti ka ngwaga wa 2001, ga a ise a ko a nne fatshe, ka a ne a tswelela a direla setshaba mme e bile a bonwa kwa kerekeng nako le nako le mo ditirong tsa motse mme e bile ele ene a etelelang pele ka thapelo le gone go opela tota ka a ne a rata kopelo fela thata.

Rre Seoke a re rangwaneagwe o ne a dumela gore moruti o tshwanetse go nna le kgolagano le dikereke tse  dingwe le gone go itse gore bone ba rapela Modimo ka tsela e e ntseng jang ka gore Modimo one o mongwefela.  

A re ka jalo o ne a kgothatsa baruti ba bangwe go nna le kgolagano gore ba kgone go bereka mmogo go godisa lefoko la Modimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 17 Jan 2019