Breaking News

Batswana ba rotloediwa go reka dithoto tsa mo gae

17 Jan 2019

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, a re puso e eletsa go bona dithoto tse di dirwang mono di rekwa ka bontsi gore maikaelelo a go tlhama ditiro a tle a atlege.  

Rre Goya o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Phuduhudu, Lemone, Dikabeya, Dikabeyana le Makoro bosheng.

O boletse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a supile fa nako e gorogile gore go sekasekwe gore go ka thatafadiwa jang molao o o patikang gore go rekwe dithoto tse di dirwang mo Botswana ka bontsi.

Rre Goya a re le ntswa thulaganyo ya go tswakanya itsholelo e tsweletse, maphata mangwe a puso a tsweletse ka go reka dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele, a kaya fa seo e le poelo morago.

Le gale a re maphata mangwe a gatetse pele ka thulaganyo eo, mme a akaretsa la peeletso, papadi le madirelo le a tlhalositseng fa le rotloetsa Batswana go reka dithoto tsa mono.

“Lephata la peeletso, papadi le madirelo le tsere tshwetso ya gore go patikege gore bagwebi ba marekisetso ba reke metsi a mabotlolo a selekanyo sa 500ml a a dirilweng mo Botswana fela mme ebile ba patelesega gore ba rekise one fela,” a tlhalosa jalo.

Rre Goya a re Batswana ba tshwanetse go rotloetsa tshwetso ya lephata leo ka go reka metsi a a dirilweng mo gae e le tsela ya go godisa madirelo a mo gae.

A re fa Batswana ba ka tswelela ka go reka metsi a a dirilweng kwa mafatsheng a sele, ba tlaa bo ba rotloetsa kgolo ya madirelo a mafatshe ao.

Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a kopa banni go leboga Modimo ka pula ee tshologileng bosheng.

A re ba tswelele ka go rapelela pula gore ba kgone go baya tema le go bona thobo e e botoka.

A re go botlhokwa gore balemi ba potlakele go baa tema, a tlatsa ka gore o tshwentswe ke gore bontsi jwa masimo ga bo ise bo pitikololwe.

A re go tlhaela ga ditshukudu tsa temo mo kgaolong ya Palapye go ka baa balemi ba ba lemang ka lenaneo la ISPAAD ka fa mosing a supa fa puso e tlaa tswalela letsema ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola lesome le botlhano.

Mopalamaente Goya o ne gape a kopa banni go ikwadisetsa ditlhopho, a tlhalosa fa pego ya lephata le le tsamaisang ditlhopho e supa fa Batswana ba sa ikwadisetsa ditlhopho mo ikwadisong ya ntlha.

A re go ikwadisetsa ditlhopho go botlhokwa ka gore go fa Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go tlhopha puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Jan 2019