Breaking News

Setlhopha sa Malau se rotloetsa puo ya setswana

16 Jan 2019

Setlhopha sa mmino wa setso sa Malau se tlhametswe go ipelafatsa ka koma.

Se tlhamilwe ke ditswerere tsa mmino wa setso; Gaone Kgatsele le Nkatlang Maikano.

Rre Kgatsele, yo o tlwaelesegileng ka leina la Kgagaripa, mo go tsa kopelo o boletse fa ba ipelafatsa ka dikoma le go rekisa Botswana kwa mafatsheng a sele.

A re maikaelelo a mangwe ke go rotloetsa tiriso ya teme ya Setswana, a tlatsa ka gore ba batla go nna sekao mo bananeng ba bangwe.

Kgagaripa o buile gore ba batla go kaela banana gore kopelo e ka tlodisa motho melatswana.

“E rile re sena go ikopanya, ra dira melawana e e tla re thusang go diragatsa maikaelelo a rona, melawana e, gompieno re gatetse pele ka ntlha ya yone ebile re setse re gatisitse album ya ntlha e e bitswang Sentlaga sa puo e e nang le dipina di le thataro.

Dipina tsa yone ke Malau-Legae, Galaxy, Jobe, Dibareng, Sentlagara sa puo le Tladi o bola motho,” a tshwaela. 

A re pele ga ba tlhama dipina tse, ba ne ba nna fa fatshe go bona gore ba ka ntsha dipina tsa mofuta ofe tse di ka solegelang Batswana molemo. 

A re pinagare ya album ya bone; Sentlaga sa puo e bua ka fa borre ba rontshiwang ditshwanelo tsa go tlhokomela bana ka teng.

O tlhalositse gore ba tlhamile pina e fa bangwe ba ditsala tsa bone tsa borre ba ne ba lela sa mmaiyoo mabapi le tlhokomelo ya bana.

Kgagaripa a re go le gantsi borre ba ba rontshiwang tshwanelo ya go bona bana ba bone ke ba nang le itsholelo e e kwa tlase, a tlhalosa gore pina ya bone e rotloetsa bomme, batsadi le borre go itse fa botshelo e le leoto la koloi bo dikologa ebile gape rre mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go bona ngwana wa gagwe ntle le gore o tshela botshelo jwa mofuta mang.

A re dipina tsa bone di reediwa ke mongwe le mongwe, ngwana kana mogolo ka ba dirisa Setswana se se lolameng ebile gape se kgatlha.

A re ba lemoga fa setlhopha sa malau se gola ka ba laleditswe go diragatsa kwa South Africa kwa moletlong wa 1st Annual Ratlou Cultural show le kwa Merwalo e thata Puo phaa cultural festival ka kgwedi ya Moranang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : GABORONE

Event : potsolotso

Date : 16 Jan 2019