Dipilisi melemo ya setso ga di kopane
16 Jan 2019
Dr Babe Gaelebale go tswa kokelong ya Marina o rotloeditse batlhokomedi ba balwetse ba ba kwa malwapeng go se kopakopanye dipilisi le melemo ya Setswana.
Fa a bua kwa thuto puisanyong ya batlhokomedi ka Mosupologo, Dr Gaelebale o tlhalositse fa balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng ba neelwa molemo kana dipilisi tsa Morphine go fokotsa ditlhabi.
A re Morphine o bogale mme fa o tlhakanngwa le melemo ya Setswana o golafatsa diphilo.
O ne gape a ba rotloetsa go se tshasa dintho melemo ya Setswana kana epe fela kwa ntle ya e molwetse a e filweng ke ba bongaka.
“Batho ba na le ditumelo tse di sa tshwaneng, fa o le motlhokomedi o tshwanetse wa tlotla tumelo ya molwetse wa gago mme o seka wa dira sepe se se tlaa gotlhagotlhanang le kalafi e a e filweng ke ba botsogo.
Dikgwetlho tsa go oka di teng mme a re nneng dipelo ditelele rona baoki, re nne ka tsholofelo ya gore nako nngwe molwetse o tla a fola. Gore a fole o tshwanetse go tsaya melemo ka fa go tshwanetseng,” ga tshwaela Dr Gaelebale.
O tlhalositse fa dikai tsa go dirisa Morphine phetelela di akaretsa go bipelwa, go baba ga mmele le go sa tlhapologe sentle ka jalo a rotloetsa batlhokomedi go o dirisa jaaka ba laetswe ke ba botsogo.
A re batlhokomedi bangwe bakgona go lobela balwetse ba bone gore ba lwala eng, ba re ga ba batle go ba utlwisa botlhoko mme a tlhalosa fa go dira jalo go sa siama ka molwetse mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go itse gore o lwala bolwetse jwa mofuta mang.
“Re a itse nako nngwe go nna thata go bua mme a re boneng gore re ka ba bolelela ka tsela e e ntseng jang.”
Dr Gaelebale a re ditlhabi di dira gore molwetse a seka a iketla mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka jalo go botlhokwa go nna pelo telele le go ba tsibogela nako le nako fa ba tlhoka thuso.
A re malwetse mangwe a kgona go tseela motho tlhaloganyo fa mangwe a kgona go dira go fetola maikutlo a molwetse, a tenega tenega fela le fa go sa re sepe.
O buile gore motlhokomedi o tshwanetse go ithuta molwetse wa gagwe ka nako tsotlhe, a kgone go farologane fa a itumetse kana a ngadile ebile a itse gore o ka mo dira jang gore a siame.
O ne gape a t ba kgothatsa go nna ba a fa balwetse dijo tse di siametseng mmele ka nako tsotlhe, a re go ja nama thata go ka baka kankere ya mala.
Fa a tswa la gagwe Dr Penny Mokuruetsa go tswa kwa lephateng la Botsogo le Boitekanelo o gwetlhile batlhokomedi go tia moko ka nako tsotlhe gonne batho bangwe ga ba lemoge tiro ya bone le mororo ba dira tiro e e masisi.
“Go tsena mo ntlong ya bookelo ga se dinyana. Ke go tsena mo ntlong e e boitshepho ka jalo go batla motho a ikitaya sehuba gore go le botlhoko go le monate o tla nna fa tlase ga molwetse wa gagwe.
Go batla motho a tsepame mo Modimong ebile gape a na le tumelo ya gore nako nngwe molwetse wa gagwe o tla a fola.
Batho ga ba tlhaloganye tiro ya go oka, le seka la itlhoboga, ka jalo tshwarang fela jalo rona ba botsogo re le eme nokeng” a tshwaela.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso Moruti Thabiso Segatlha wa lekgotla la baruti kwa Ramotswa a re batlhokomedi ke batho ba tumelo, ba direla sengwe le sengwe mo tumelong ya gore nako nngwe Modimo o tla a ba ntsha mo mathateng a ba leng mo go one.
A re le fa ba lapile Modimo o rile o tla a ba fa nonofo le maatla, a tlhalosa fa lefoko la Modimo le bua gore sengwe le sengwe se se molemo ke kobamelo ya Modimo, mme mongwe le mongwe yo o dirang tse di molemo go obela Modimo o tla a segofadiwa. BOPA
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : GABORONE
Event : thuto puisano
Date : 16 Jan 2019




