Breaking News

Thuto ya bananyana konokono

15 Jan 2019

Thulaganyo ya go simolodisa lenaneo la thuto ya bananyana e thusa baithuti ba go akola tsamaiso ya thuto pele ba simolola lekwalo la ntlha.

Mafoko a, a builwe ke mookamedi mo lephateng la thuto go tswa moding kwa kgaolong ya Kgalagadi, Mme Boikanyo Seitsang, mo potsolotsong le BOPA bosheng. Mme Seitsang o boletse fa lenaneo le, le itebagantse le bana ba ba dingwaga tse nne le sephatlho go ya kwa go tse tlhano.

A re lenaneo le le sale le simolodisitswe kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2014.  O supile fa mo ngwageng ono ba kwadisitse palo e e kwa godimo ya bana ba ba ruthuntshiwang go ya go dira mophato wa ntlha.

Mme Seitsang o supile fa mo nakong ya gompieno ba okeditse palo ya barutabana mo ntlung ya borutelo nngwe le nngwe go nna babedi go na le mo nakong ee fetileng fa morutabana a ne a nna mongwe.

O boletse fa lenaneo le le rutuntsha bana go tlwaela tikologo ya sekolo le go ba bula ditlhaloganyo gore e re ba ya go simolola mophato wa ntlha tiro a bo e le motlhofo.

Lenaneo le le thusa baithuti go itse go kwala le go bala gape le ruta gore e re ba tsena kwa lekwalong la ntlha a bo ba setse ba tlwaetse tikologo ya sekole.

O supile fa khansele ya Kgalagadi e ba ema nokeng nako le nako fa ba na le mathata kgotsa ba tlhaelelwa ke didirisiwa.

Mme Seitsang a re o tshwenngwa ke batsadi ba ba kwadisang bana ba bone morago ga nako ee beilweng, le ntswa ikwadiso e bulelwa go sale nako.

O supile fa kemo nokeng ya batsadi mo thutong ele kowa tlase fela thata mme ba tsaya matsapa a go tlwaetsa bana tikologo ya sekolo fa barutabana ba tshidilo maikutlo le bone ba leka ka bojotlhe go fa bana ditsompelo tse ba di tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Poloko Lekhutlile

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 15 Jan 2019