Molapowabojang o tlaa ipelela go tlhongwa ga kgosi
21 Nov 2018
Banni ba Molapowabojang kwa kgaolong ya Borwa ba tlaa ipelela go tlhongwa ga ga Kgosi Kedirile Letshabo mo setilong kgwedi eno e ya fifing.
Mo potsolotsong, Kgosi Michael Ratsoma a re mophato wa ga Kgosi Letshabo wa Matlotlakgosi ke one o eteletseng pele dithulaganyo tsa moletlo.
A re Matlotlakgosi a ne a tshwenngwa ke gore Kgosi Letshabo o ne a tlhongwa mo setilong ka setu ka 2011, selo se a reng ba ne ba bona se tshwanetse go baakanngwa.
Kgosi Ratsoma, yo gape e leng rangwana-a-Kkgosi a re ba tsere nako go rulaganyetsa moletlo o a reng o tlaa kgatlha leitlho go leba.
Kgosi a re nngwe ya dithulaganyo tsa letsatsi e tlaa nna go bolela ditso tsa Molapowabojang gore ba tlholega kae ebile go tsile jang gore ba nne mo lefelong leo.
A re Batswana go tswa kwa khutlong tsotlhe tsa lefatshe ba gololesegile go tla go ipela le kgosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Topo Monngakgotla
Event : Posolotso
Date : 21 Nov 2018




