Breaking News

Kebuang o itshetsa ka go loga diphate

21 Nov 2018

Batswana ba tsweletse ka go tla ka methale ya go inamola lehuma.

Mongwe wa bone ke Mme Golelamang Kebuang wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa kgotla ya Mmamokhasi kwa Kanye.

 O boletse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya diphate ka 2013 morago ga bona di dirisiwa thata mo manyalong mme a di kgatlhegela.

A re o ne a ithuta go loga diphate  ka go dirisa dipaente tsa mashi le masang.

Mme Kebuang a re fa a simololga go di dira, o ne reka masang kwa kokelwaneng, mme a dirise molora, jik  kana handy handy go tlhatswa dipaente le dikgetsi pele a simolola go di loga. 

A re phate di rekiswa ka ditlhwatlhwa tse di farologaneng jaaka P300, P250 le ya P200 go tswa ka bophara jwa tsone.

O ne a tlhalosa fa diphate tseo, di ka alwa mo bolaong, fa pele ga ntlo go ikhutsa, go diriswa kwa masimo go anega dinawa gareng ga tse dingwe. A re kgwebo e mo thusitse go ithekela dipitsa, mateise le dijo tota.

A re dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo di akaretsa go tlhoka lefelo le a ka bayang  diphate teng ka jaana di jewa ke dipeba, go sa bonaleng ga masang le gone go tlhoka go duela sentle ga bareki bangwe.

A re o tsweletse ka go ruta bana ba gagwe gore a ba tlogelele boswa a tlatsa ka gore le motswana mongwe le mongwe yo o eletsang go ka ithuta o ka mo ruta.

O ne a kopa thotloetso ka jaana a santse a tlhoka ntlwana e a ka bayang teng mo go yone, a bolela fa a eletsa go bona Batswana ba inaakanya le kgwebo e ka dipalo tse di kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoloki Mauco

Location : KANYE

Event : Posolotso

Date : 21 Nov 2018