Breaking News

Tshwaragano e aga setshaba

21 Nov 2018

Tshwaragano, lerato le tirisano mmogo ke konokono mo go ageng setshaba.

Mafoko a, a builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Kgosiemang Monare kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA bosheng.

 A re dikereke di tswa kgakala di tshwaraganetse mathata le puso, go bona gore Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ba ka thusiwa jang.

A re ke sone se kereke ya kgaolwana ya Radisele ya UCCSA e se dirang ka dinako tsotlhe mme se supa boineelo mo tumelong le gore fa badira jalo, Modimo o tlaa ba okeletsa gore bafitlhelele maikaelelo a bone.

O galaleditse UCCSA go phutha baphuthegi ba yone ka ba ne ba sena fa ba obamelang teng mo lebakeng le leleele.

Mongwe wa bagolwane kwa kerekeng eo, Mme Toteng Motshidisi, o ne tlhalosa kwa ba tswang teng le tse ba kgonneng go di direla morafe.

A re ba kgonne go bula makalana kwa Mogome le Mokgware e le go atumetsa le go isa lefoko la Modimo kwa batho ba leng teng.

Mme Motshidisi a re ba tswa kgakala ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela ngwaga le ngwaga mo go se ba se kgobokantseng ka mengwato.

O tlhalositse fa UCCSA e bonwa mo mafatshing a le matlhano mo borwa jwa Aferika, ebong Botswana, Mozambique, Namibia, South Africa le Zimbabwe, fa ntlo kgolo e le kwa South Africa.

A re mono gae ba na le dikgaolo dile thataro, mme Radisele le tse dingwe tse dilesome le bone di wela mo kgaolong ya Lesoso. O tlhalositse ka kgolo ya kereke le tshwaragano e e renang fa gare ga phuthego le moruti wa bone.

Madi a a kgobokantsweng a ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba bo ba feleletsa ntlo ya moruti le go agela Mogome le Madiaele leobo la fa ba ka obameleng teng. 

O supile fa batsamaya ka Matheo 25, e e reng tsayamaya le lefatshe lotlhe o ba rerele efangele.

Mme Motshidisi a re ba tshwenngwa ke banana ba bainaakantseng le dino tagi le go goga motokwane, a re maikaelelo ke go ba kgobokanya gore ba ba agele mo tumelong.

O kopile batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng gore ba itse Modimo le go utlwa bothitho jwa lerato la gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : RADISELE

Event : mogwanto

Date : 21 Nov 2018